Goloswang o rotloetsa go tshomarela kagiso
15 Aug 2016
Mothusa mokwaledi wa khansele-potlana ya Palapye Rre Goloswang Ramogala o rotloeditse banana go somarela kagiso le thitibalo e lefatshe le le itsegeng ka yone.
Fa a bua kwa moletlong wa go ipelela malatsi a a masome matlhano go ya ko boipusong ja masome matlhano, o o neng o tshwaretswe ko kgotleng ya Palapye, Rre Ramogala a re banana ba tshwanetse go tshwara lefatshe leno ka matsetseleko ka e le bone bajaboswa ja lefatshe le.
A re go botlhokwa gore ditlhabololo tsa lefatshe leno ga di a tla fela mme di nnile teng ka pereko, boineelo, bopelotelele le mowa wa boipelego.
A re toro ya boipuso e ne ya lorwa ke bagologolo gore lefatshe leno le seka la tswa Batswana mo diatleng.
A re morago ga boipuso dikgosi tse tharo tse di neng di ile go kopa tshireletso ko ga mmamosadinyana ga di a ka tsa ikgagapela sepe, mme di ne di lwela fela gore lefatshe leno le seka la tswa Batswana diatleng.
A re banana ba tshwanetse go itse gore dilo di a itirelwa ka maitshoko, a tlhalosa fa dikole di tshwana sa Moeng le mmadikolo di ne tsa nna teng ntateng ya mowa wa boipelego o Batswana ba neng ba na le one.
Rre Ramogala a re lefatshe leno le tsere boipuso le sena sepe mme mo bogompienong le ipela ka dikole, ditsela, dikokelo le ditlhabololo tse dingwe.
A re go matshwanedi gore Batswana ba ipelele letsatsi la boipuso ka le na le bokao jo bontsi gore Batswana ba tswa ka e e bile ba ya kae.
A re Batswana ba tlholegile e le batho ba kagiso mme a leboga thata gore kagiso e e nnile teng ka tlhotlheletso ya Modimo.
A re go botlhokwa go keteka letsatsi la masome a matlhano go ya boipusong gore e re fa boipuso bo goroga e bo boipelo ja Batswana bo le kwa godimo.
Fa a tswa la gagwe Kgosi Masego Olebile wa Palapye o rotloeditse banni ba Palapye go nna seoposengwe ba goga mmogo ka kagiso.
A re fa setshaba se ka nna jalo lefatshe le le tla atlega mo dilong tse dintsi e bile le tlaa eletswa ke batho ba le bantsi.
A re letsatsi la bomasome a matlhano go ya boipusong, ke tshimolodiso ya boipuso ja masome a matlhano jo lefatshe leno le tla bong le ipela kgwedi ya Lwetse e tlhola masome mararo.
Mo godimo ga se, modulasetilo wa komiti e e baakanyetsang boipuso mo Palapye Rre Ookeditse Breeze Gabautlwane o kopile morafe wa Palapye go ema komiti ya gagwe nokeng go baakanyetsa boipuso.
A re komiti ya gagwe e tlhoka thotloetso le bogakolodi ja morafe, mme a kopa morafe go nna ba tsenelela diphuthego tsa ipaakanyetso boipuso.
O kopile morafe wa Palapye go goga mmogo le komiti ya gagwe, a tlatsa ka gore boipuso ja gompieno ga bo tlhoke dipharologanyo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kgotsofalang Botsang
Location : PALAPYE
Event : Moletlo
Date : 15 Aug 2016






