Breaking News

Dibatana di tlhorontsha Zutshwa

26 May 2013

Batho ba Zutshwa kwa kgaolong ya Kgalagadi bokone ba ngongorega ka dibatana tse di ba tlhorontshang bosigo le motshegare. 

Ba ne ba bua mo phuthegong ya kgotla e biditswe ke mopalamente wa kgaolo ya bone Rre Phillip Khwae bosheng. 

Rre Mothelizi Moleta o tlhalositse fa morafe o tshelela mo letshogong ntateng ya ditau le diphiri tse di gobeyang mo motseng le meraka ya bone. 

O tlhalositse fa diphiri di tsenelela leruo la bone mo masakeng fa ditau tsone di bolaya leruo kwa mahudisong. 

A re gantsi dibatana di tlhasela diruiwa tsa bone di tswa ntlheng ya lefelo la diphologolo la transfronteir, mme ka jalo a ikuela mo pusong go aga terata e e tlaa kgaoganyang mahudiso le molelwane wa lefelo la diphologolo.

Rre Moleta o ne gape a ikuela mo pusong go akaretsa diphiri mo  diphologolong tse barui ba phimolwang dikeledi fa di ba bolaetse leruo.

A re tshenyo e e dirwang ke dibatana e busetsa morago maiteko a puso a go namola Batswana  lehuma.

O supile lephata leo ka monwana a re badiri ba lone ba maoto a tshupa go tsiboga fa morafe o ikuela fa leruo le bolailwe ke dibatana.

E rile fa a tsibogela matshwenyego a batho, mopalamente Rre Khwae a tlhalosa fa puso e  tshwentswe ke dikgotlhang tsa batho le diphologolo tsa naga.

 A re ga go jese di welang gore dibatana di bo  di bolaya leruo ka jaana e le lone pinagare ya botshelo. ja batho ba Kgalagadi.         

O ne a solofetsa morafe gore o tlaa ikopanya le tona wa diphologolo le makgabisa naga go tswa ka metlhala ya go rarabolola dingongora tsa morafe.

Mopalamente o ne gape a tlhalosa fa puso e sekaseka go oketsa madi a phimolo dikeledi a a fiwang morui fa leruo la gagwe le bolailwe ke ditau. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Thato Mosinyi

Location : ZUTSHWA

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 26 May 2013