Breaking News

Kgaolo ya Morolong e fitlhelela di le mmalwa

15 Aug 2016

Mothusa molaodi kwa kgaolong ya Morolong ya Good Hope/Mabule Mme Goitseone Nkwe-Tabane a re kgaolo ya gagwe e nnile le diphitlhelelo di le mmalwa di akaretsa nyeletso ya lehuma ka khansele-potlana ya Good Hope, fa e sale lefatshe leno le tsaya boipuso.

Mme Nkwe-Tabane o buile se kwa segopotsong sa dingwaga tse di masome matlhano tsa boipuso jwa lefatshe la Botswana kwa Good Hope bosheng. 

A re nyeletso ya lehuma ke yone phitlhelelo e kgolo mo go tsotlhe, a tlatsa ka gore lenaneo leo le a mangwe a mmuso a go tlhamela banana ditiro, le thusitse banana ka dikgwebo di akaretsa ya kapei ya marotho go rekisetsa dikole le go rokwa ga paka ya sekole, tse a reng di buletse banana ba le bantsi mebereko le go tokafatsa matshelo a bone.

A re diphitlhelelo tse dingwe ke go nna teng ga diofisi tsa kabo ya ditsha le ofisi ya ga molaodi e a reng ke yone e gokaganyang maphata a mangwe a bodirelapuso go tsisa ditirelo kwa bathong. 

A re mo go tsa thuto, ba ipela ka sekole se segolwane sa Good Hope senior, a re mo godimo ga moo, sekole seo se alositse bommampodi ba mabelo ba akaretsa Karabo Sibanda le Baboloki Thebe.

Mme Nkwe-Tabane a re le fa go ntse jalo, go nnile le dikgwetlho jaaka ya go sa direng sentle ga bana ba dikole le gone go tlogela sekole, mme a kopa batsadi go nna le seabe mo dithutong tsa bana ba bone.

A re kgwetlho e nngwe ke ya go ikgogela morago ga barui mo go thuseng puso ka dipodi tse di rekelwang Batswana go inamola lehuma ka lenaneo la LIMID, a tlatsa ka go kopa Batswana gore le fa ba ngongorega ka tiego ya dituelo tsa dipodi tsa bone, go tlaa fefosiwa dituelo tsa go nna jalo.

Mme Nkwe-Tabane o ne gape a kopa morafe wa Morolong go tsosolosa temo mo kgaolong ya bone, a re go le pele, morafe oo o ne o itsiwe ka go jesa lefatshe la Botswana ka o ne o ntsha dijo ka temo ya bone. 

O ne a ba rotloetsa gape go tsenya letsogo mo dipaakanyetsong tsa boipuso a re ba tshwanetse go ema mmogo mme ba ipela ba le ngatana. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Dineo Modikele

Location : GOOD HOPE

Event : Segopotso

Date : 15 Aug 2016