Breaking News

Banana ga ba dire sentle

15 Aug 2016

Modulasetilo wa khansele ya Legare Rre Peter Williams o kgadile a sa kgwe mathe banana ba a bolelang ba tsaya lolea mananeo a puso e a ba diretseng gore ba itlhamele ditiro ba bo ba tlhamele ba bangwe ditiro.

A re bangwe banana ba kopa mananeo ao e se gore ba tlhwaafetse ba bo ba sa dirise dithuso tse ba di filweng sentle.

O ne a bua kwa diphuthegong tsa kgotla tse a neng a di buisa kwa metseng ya kgaolo ya Lerala/Maunatlala bosheng tse maikaelelo a tsone e neng e le go isa khansele kwa setshabeng. A re ntswa lefatshe leno le le mo leshekereng la letlhoko la madi, puso e ne ya ntsha mananeo a banana gore ba itshetse mme ba felela ba sa a tsee mme ba ikganelela kwa lenaneong la Ipelegeng le a bolelang e se la sennelaruri.

A re lenaneo la Ipelegeng le tletse bontsi jwa banana mme ba tshwanetse go fokotsa dipalo kwa Ipelegeng ba tsee mananeo a bone ba itshetse. A re bagolo ba setse ba tswela mananeo a banana pelo ka a le mantsi  mme ba eletsa e kabo e le a bone ka bone ba bua fa ba ka a tsaya ka tlhwaafalo.

Rre Williams o boletse fa banana ba lefatshe leno ba le maoto a tshupa go ikopela mananeo a bone mme seo se sa itumedise ka puso e ba lekela. A re bangwe ba bolela fa dipampiri tsa ikopelo mananeo di le thata go tlatswa  mme seo  e se lebaka ka ba tshwanelwa ke go kopa thuso mo diofising tsa banana kana mo badirelapusong ba ba mo metseng ya bone.

O ne a ikuela mo bananeng go tsibogela mananeo a bone ka e se a sennelaruri. A re go na le mananeo a a kileng a nna mme Batswana bangwe ba sa ntse ba batla a boela ka ba ne ba nna maoto a tshupa a sa ntse a le mo tirisong.

O ne a akgola bagolo mo metseng ka go farologana a bolela fa ba itsaya tsia ka ba tlhokomela se puso e se ba fileng le gone go tlhwaafalela dikgwebo tse dipotlana ka bontsi jwa bone ba le mo go tsone.

Rre Williams a re se se tshwenyang gape ka banana ke gore ga ba dirise madi sentle fa ba dira ka ba nwa dinotagi phetelela fa bangwe ba kgokgontsha batsadi ba bone ka ba ba tlhokomela le fa ba setse ba le mo seemong sa gore e nne bone ba itlhokomelang. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : LERALA

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 15 Aug 2016