Mabutswapele a Tutume a bolela ditso
15 Aug 2016
Lebutswapele la Tutume, Rre Sebalo Makgobota a re magosi a dikgotla tsa Magapatona, Madikwe le Selolwane ke bone batho ba ntlha go thibelela mo motseng wa Tutume ba tlogela merafe ya bone kwa Nkange le kwa Nsuswane.
Rre Makgobota o buile seo fa a ne a tlhalosa ka ditso tsa Tutume ka letsatsi le seromamowa sa setshaba se se neng se gasa ka tlhamalalo bosheng.
A re ene o tshotswe ka ngwaga wa 1936, a tsholelwa mo motseng wa Tutume a sa itse gore magosi ao a a thibeletseng lantlha go tlhoma motse oo a gorogile ka ngwaga mang.
O ne a tlhalosa fa leina Tutume le raya selo se se golang jaaka ekare se a bela mme a supa fa morafe o o neng o setse kwa Nkange fa dikgosi tsa one di tla kwa Tutume o ne wa fuduga ka ngwaga wa 1946 morago ga taolo ya ga kgosi Tshekedi Khama wa Bangwato, a sena go lemoga fa ba bolawa ke lenyora ga mmogo le leruo la bone.
Rre Makgobota a re ka dingwaga tseo go ne go sena ditlhabololo mo motseng ba tshela ka go sokola, ba latela marekisetso kwa Nkange mme seo se ba tseye malatsi a mabedi go ya le go boa.
A re gape le dikole di ne di le boutsana ba tsamaya sekgele se se telele go ya sekoleng, a bolela fa motse o tlhabologile thata ka ponyo ya leitlho, selo se a se lebogelang thata mme a re ditlhabololo tseo di tswelele go ya pele.
E ne erile pele fa a amogela baeng, Kgosi Buyendasi Mbenga a leboga boeteledipele jwa lephata la kgaso go bo le bone go tshwanela go ipelela dingwaga tse di masome matlhano le setshaba.
Kgosi Mbenga a re go isa seromamowa kwa bathong go dirile gore ba kgone go lemoga ka fa se berekang ka teng mme a tlhalosa fa ene a ne a tsaya gore se berekela mo ntlong e tona fela ebile ga se kgone go ka fuduga fa se leng gone.
Moeteledipele wa lekoko leo la seromamowa sa Botswana, Mme Neo Lenkopane o ne a bolela fa ba tsamaya ba tlhotlhoma le lefatshe la Botswana ka bophara go ipelela dingwaga tse di masome matlhano seromamowa seo se gasa.
Leloko la komiti e kgolo e e baakanyetsang boipuso jwa dingwaga tse di masome a matlhano, Rre Henry Lechuti o ne a kopa batho ba Tutume go ipaakanyetsa boipuso ka go phepafatsa tikologo e ba leng mo go yone go simolola kwa malwapeng a bone, motse le tsone dikgotla tsa bone tota go di kgabisa ka mebala ya Botswana. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : TUTUME
Event : Phutego
Date : 15 Aug 2016






