Breaking News

Bojalwa jwa bonxwai bo borai

26 May 2013

Kgosi Shatani Kgakanyane wa Sebina, a re o tshwenngwa ke go nowa ga bojalwa jo bo itsegeng ka leina la ‘bonxwai’ kwa motseng oo.

O boleletse ba lekalana la dikgang la BOPA gore motswako wa bojalwa jo ga o a siamela botsogo ka go dirisiwa metsi, sebidiso, sepiriti le sukiri.

Kgosi o ne a tswelela a re bontsi jwa banni ba rata bojalwa joo ntswa bo le diphatsa.

O tlhalositse gore bojalwa joo bo rekisiwa nako nngwe le nngwe, a re se ke go kgoreletsa maiteko a puso a go laola dinako tsa marekisetso a bojalwa le gone go aga tshaba e e boikarabelo.

O ne a tswelela ka gore o utlwisiwa botlhoko segolo bogolo jang ke banana ba ba setseng ba ineetse mo go nweng bojalwa joo ka ba bo phakelela mme se se ba dia go akanya ka matshelo le bokamoso jwa bone.

A re bontsi jwa banana ga ba tsibogele mananeo a nyeletso lehuma ntateng ya go diiwa ke dino. mme o kopa morafe go emisa bojalwa jo ka bo ba koafatsa mebele. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kagiso Hunyepa

Location : SEBINA

Event : Potsolotso

Date : 26 May 2013