Ngwao e fa serite le boleng
15 Aug 2016
Monana e bile gape e le mogwebi yo o ikemetseng ka nosi e le mapotiele wa lefatshe, Rre Jakobe Kgopolelo o boletse fa ngwao e le boswa e kaya se morafe o leng sone e bile e fa tshaba seriti le boleng.
Rre Kgopolelo o buile jalo ko moletlong wa go ipelela ngwao le go ipaakanyetsa malatsi a go ipelela boipuso ja Botswana kwa Mmathethe bosheng.
O boletse fa lefatshe leno le latlhegelwa ke mokgwa wa ngwao ka monokela, a tlatsa fa gompieno dikgosi di sa tlotlwe fela jaaka bogologolo, go ne gotwe lefoko la kgosi le agelwa mosako mme gompieno dikgosi ga di tshabiwe.
Rre Kgopolelo a re mafatshe ka bontsi a rata ngwao ya Setswana le ka fa bangwe ba itshwarang ka teng mme a re bangwe ba e nyeletsa mo go tlhabisang ditlhong.
O kopile banana go itsaya sentle le go tlotla bagolo go somarela ngwao.
O boletse fa lefatshe leno le melediwa mathe ke merafe e mengwe mo Aferika ka setho le thitibalo ya teng mme a kopa gore Batswana ba itshoke fela jaaka batsoga pele ba dirile gore lefatshe leno le bo le ntse le ipusa ko ntle ga madubedube ape.
O boletse fa ditiro di seyo mo Botswana mme a rotloetsa banana go inaakanya le ditiro tsa ngwao go itlhamela mebereko.
O kopile gape gore ditso tsa merafe le metse di kwalwe gore di seka tsa nyelela.
A re banana ba tlotle bagolo gore masego le malatsi a bone a lelefale mo lefatshing.
O ba gakolotse gore ba itshware sentle le fa ba ngongorega, ka gore sedibeng go iwa ka tsela.
Rre Kgopolelo o ngongoregetse Batswana go tlhoka go obamela nako. O boletse fa nako e le botlhokwa fela thata ka gore nonyane ya motsoga pele e ja seboko se se nonneng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : MMATHETHE
Event : Moletlo
Date : 15 Aug 2016






