Breaking News

Go bala le go kwala go botlhokwa

15 Aug 2016

Go itse go bala le go kwala ka jaana motho a kgona go somarela sephiri sa ntlo ya gagwe.

Mafoko a, a boletswe ke Kgosi Makgabana Tsiane  wa Takatokwane, fa a amogela baithuti ba Thuto ga e golelwe bosheng.

Kgosi Tsiane o tlhalositse gore fa motho a sa itse go bala le go kwala ga a kgone go babalela sephiri sa gagwe,  ka jaana a patelesega go kopa mongwe gore a mmalele melaetsa, mme kwa bofelong dilo tsa gagwe di gasame le motse otlhe.

Kgosi o lebogetse ba lephata la OSET go ba tsisetsa lesedi mo motseng wa bone, a bo a kopa botlhe ba ba sa itseng go bala le go kwala go le dirisa go tokafatsa matshelo a bone.

O kopile ba lephata la thuto go okeletsa ba Thuto ga e golelwe ditsompelo tsa go ba kgontsha tiro, a supa fa ba sokola fela thata.

Mogolwane kwa lephateng la thuto kwa kgaolong-potlana ya Letlhakeng, Rre Ndineni Mbuso, o ne a supa fa maikaelelo a lephata la OSET e le go busetsa bana go ithuta go bala le go kwala, mme bao ba dingwaga di sa ntseng di ba letla ba busediwa kwa dikoleng tse dipotlana.

Rre Mbuso o supile gape fa maikaelelo a mangwe e le go ruta bagolo ba ba dingwaga di fetileng go bala le go kwala, a bo a supa fa gape ba ba ruta tiro ya diatla jaaka go roka, go betla le go loga.

O supile fa gape se se direlwa gore fa motho a na le bokgoni ba OSET ba mo rotloetse a tle a kgone go ithusa le ba lelwapa la gagwe.

Erile a a fa bopaki, moithuti wa Ga e golelwe,  Mme Makgabenyana Modise, o ne a supa fa a kgonne go ithuta go bala le go kwala, a supa fa a ithutile gape go bopa dinkgwana tse a itshetsang ka tsone le ba lelwapa la gagwe.

Moithuti yo mongwe go tswa kwa motseng wa Sojwe Rre Aaron Petros, yo o dingwaga di masome mararo le bongwe o ne a supa fa a ithutile go bala le go kwala, mme a dirile mophato wa bosupa a bo a pasa, o supile gape fa a le mo dithutong tse dikgolwane, mme maikalelo a gagwe e le go tshwara ka thata go fitlhela a ya go fetsa mophato wa botlhano.

O kopile baithuti ka ene go tlhwaafalela thuto, a supa fa go na le batho bangwe ba ba kgonang mme go ba kgoba marapo ba re ba itiela nako, mme a ba kopa gore ba seka ba ba reetsa ba ikamogele ba bo ba eteletse  Modimo pele mo matshelong a bone.

O lebogetse puso go ba fa sebaka sa go boela mo sekoleng, a supa fa se se ba file seriti.

Erile a ntsha mafoko a kgothatso, mogolwane go tswa kwa lephateng la thuto mo kgaolong ya Kweneng, Rre Benson Rauwe a supa fa setlhogo sa letsatsi leo se re ‘Bala Ditso, Kwala Isago, a supa gore go botlhokwa gore ba dire ditso go baakanyetsa isago ya bone.

Rre Rauwe o supile fa thuto e le isago ya motho e e sa jeweng boswa, a bo a kopa baithuti go ithuta ka tlhwaafalo, a supa fa sengwe le sengwe se motho a se dirang ka tlhwaafalo se na le maduo a mantle.

O supile fa dipatlisiso di supile gore fa motho a dira selo ka maikaelelo a atlega, a bo a kopa baithuti go rotloetsega gore ba tle ba nne batho ba ba farologaneng mo dingwageng tse di tlang.

 O kopile baithuti gore ba ipotse dipotso tsa gore fa e sale ba tsena Ga e golelwe a ba kgona go bala le go kwala, a ba kgona go itirela ka diatla le gone gore a ba kgona go dirisa mananeo a puso.

Mokhanselara wa kgaolo ya Takatokwane/Dutlwe Rre Tlotlo Batlhophi, o ne a kopa baithuti go tshwenngwa ke bopaki jwa baithuti ka bone, gore ba tle ba tokafatse botshelo jwa bone.

O ba kopile gape go itirela seriti ka go leka go itirela matshelo a bone ka se ba nang le sone, a supa fa botshwakga e le boleo. ENDS

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : TAKATOKWANE

Event : Moletlo

Date : 15 Aug 2016