Breaking News

Banni ba tlhagola tsela ya boipuso

14 Aug 2016

Banni ba toropo ya Francistown ba supile tshwaragano ka go ithulaganya le  go tlhagola tsela ya go ipelela masome a matlhano a lefatshe leno le ntse le ipusa.
E rile fa a amogela banni, moladi wa toropo eo, Mme Cordelia Mpape a rotloetsa morafe go simolola go phepafatsa toropo eo gore e re ka letsatsi la Lwetse e le masome a mararo, tirokologo e bo e le phepa  e ntsha lenko la phefo e e monate.
O tlhalositse fa ba botsogo ba rotloetsa botsogo jo bo itekanetseng, a tlatsa ka gore ka jalo go ka nna molelo go ipelela boipuso ja bomasome a matlhano mo tikologong e e phepa.
Fa a tswa la gagwe kgosi wa pele wa kgotla ya Tatitown Mme Ludo Mosojane a re go ipelela maungo a boipuso jono ke go phimola kgethololo ya letso le mmala.
O tlhaolositse fa toropo eo e humile ditso mme a eletsa gore batsadi ga mmogo le barutabana ba rute bana ka tsone gore ba itse kwa ba tswang teng le gore ke bomang mme ba ya kae.
Mme Mosojane o supile fa go ne go na le sekole se le sengwe fela, mme ka nako eno ba ipela ka dikole tse dintsi mo toropong, a re motse wa ntlha ke lekeishane la Monarch le le agileng toropo eo.
O supile gape gore go ne go na le le lebentlele le le lengwe le ba neng ba reka mo go lone le kwa go neng go nowa bojalwa teng e bile bo nowa fela ke batho basweu a re batho bantsho ba ne ba timiwa gotwe ba ka tlhakana ditlhaloganyo.
A re maitiso a bone ba ne ba itisa fela kwa lefelong le le neng le bidiwa Mophane,mme go sena le fa e le bogodu kana dipetelelo.
Mme Mosojane o tlhalositse gore ba ne ba gelela metsi mo nokeng, mme ba robala mo matlong a a agilweng ka mmu le bojang, a re dilo tseo tsotlhe di ba alositse.
Mongwe wa balekane ba Botswana Mme Lore Lungisani  o tlhalositse fa le bone ba  thusa bao ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng ka go ba abela dikobo di le lekgolo.
Mme Lungisani o tsweletse gape a re ba tlaa tswelela ka go nna ba thusa fela jalo go nne le bone ba nnile lesego la go belegwa ka letsatsi le le boitshepo la boipuso.
A re ba lebogile thata go nna le seabe sa go tlhagola tsela ya go tla go ipelela letsatsi la bomasome a matlhano a dingwaga la bone la matsalo le lefatshe leno ka kakaretso.
Kgosi Gunny Moses wa kgotla ya Monarch o eme morafe ka lefoko la gore fa ba ipela jalo ba ipele ka kelelelo, mme ba gakologelwe gore boitumelo jo bo feteletseng bo na le ditlamorago tsa maikotlhao a a botlhoko. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mpho Goitsemang

Location : FRANCISTOWN

Event : Phuthego

Date : 14 Aug 2016