Breaking News

ESP e tsamaya sentle kwa Ngamiland

14 Aug 2016

Molaodi wa Ngamiland, Mme Chabongwa Matseka a re ditiro tse di dirwang ka lenaneo la go rudisa itsholelo (ESP) mo kgaolong ya gagwe di tsamaya sentle.
O boletse mo potsolotsong gore ba na le ditiro di le dintsi mo maphateng a puso mo kgaolong eo mme o solofela gore tsotlhe di tlaa fediwa ka nako.
A re ditiro dingwe tsa lephata la thuto le tlhabololo dikitso jaaka go agiwa ga matlo a barutabana go oketsa a a teng bogolo thtata kwa sekoleng se segolwane sa Maitlamo se e leng gone se bulwang. Kwa lephateng la temo-thuo, Mme Matseka o boletse fa go tsenya dikgomo manyena go tsweletse. Tiro eo e maikaelelo a yone e leng go tokafatsa go latedisiwa ga dikgomo le go itse tsotlhe tse di kentilweng le gone go tlhofofatsa go latedisa beng ba dikgomo.
A re kgaolo eo e na le dikgomo tse di ka fetang 100 000 mme e bile o dumela gore lenaneo leo le tlaa ntsha maduo a a solofetsweng.
Go agiwa ga dikganedi tsa molelo le gone go bolelwa go tsweletse sentle. Molaodi o tlhalositse gore jaaka kgaolo eo e le boremelelo ja bojanala, e bile e na le mafelo a bojanala a a lemogiwang ke mafatshefatshe, diphologolo tse dintsi le dinonyane tsa mefutafuta, lephata la tikologo diphologolo le bojanala le tsile ka thulaganyo ya go somarela matlotlo ao.
O tsweletse a bolela fa ditiro dingwe jaaka go agiwa ga diofisi tsa kgotla go tsweletse le gore diofisi tsa ditirelo tsa temo-thuo di tlaa agiwa mo Gumare.
O tlhalositse gore diofisi tse disha tseo tsa kgotla di tlaa fa dikgosi seriti di bo di tokafatse tsamaiso ya puso fa ofisi ya ditirelo tsa temo-thuo yone e tlaa atumetsa ditirelo kwa balemi-baruing e bo e thuse ka go rotloetsa temo-thuo e e tlhabolotsweng go tokafatsa ntsho ya dijo.
Mme Matseka a re o lemogile gore faesale ESP e simologa, ba nnile le dikgwetlho tse di jaaka tlhaelo ya dikitsiso tse di rileng go tswa kwa bodireding jo bo tlhokegang mo kgaolong ka jaana ditiro di diragadiwa ke badiri ba lephata ka jalo dikitsiso di seke di amoganwe ka fa go neng go solofetswe ka teng.
Dikgwetlho tse dingwe o boletse fa di akaretsa tiego ya go tsaya ditshwetso ka go tsaya lobaka go kopana le ba ba dirang ditiro go buisanya ka dikgang tsa botlhokwa tse di jaaka tlhaelo ya metsi le boleng jo bo kwa tlase ja mmu.
Le fa go ntse jalo e rile bosheng, kgaolo ya tshwara phuthego ya malatsi a mabedi go buisanya ka ditiro tse di dirwang ka thulaganyo ya ESP.
Kopano eo e ne e tsenwe ke bagolwane ba dikhansele, baitseanape ba tsa itsholelo le badiragatsi ba ditiro tsa lephata go tla go buisanya ka fa ba ka diragatsang mananeo botoka ka teng go thusa merafe. Mme Matseka a re o dumela gore kopano eo e tlaa tokafatsa tirisano ya khansele le goromente yo motona ka ba tlaa kgona go buisanya ka dikgang tse di ba amang botlhe mme go thuse go tsweledisa lenaneo.
A re e tlaa re kwa bofelong ja phuthego, ba tle ka thulaganyo ya tiragatso ba bo ba tle gape ka tharabololo ya mathata a a teng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : MAUN

Event : Potsolotso

Date : 14 Aug 2016