Breaking News

Matshwititshwiti a bolokile mokhanselara Samu

14 Aug 2016

Mokhanselara wa Botswana Democratic Party (BDP) wa kgaolwana ya Kalakamati kwa kgaolong ya botlhophi ya Tati Bophirima, Rre Israel Samu o bolokilwe kwa Kalakamati kgwedi eno e le lesome le boraro.

Matshwititshwiti a batho, gareng ga bone go le Mothusa Tautona, Rre Mokgweetsi Masisi, tona wa lephata la dikago, boranyane le boitsaanape, Rre Nonofo Molefhi le balatedi ba phathi ya Domkrag go tswa dintlheng ka go farologana tsa lefatshe leno, ba ne ba tshologetse phitlho ya ga Rre Samu.

Dibui ka go farologana di kaile fa Rre Samu e ne e le moeteledipele wa tlhwatlhwa, a le boikobo, bonolo e bile a na le botho jo bo eletsegang, ba supa fa moswi a ne a na le tsotlhe tse di fitlhelwang mo moeteledipeleng wa motia.

Ba boletse fa moswi a ne a le pelotelele, a dira tiro ya gagwe ka bokgabane ka dinako tsotlhe mme gape a rata go nna a a fa ba bangwe dikgakololo le maele a botshelo. 

Mothusa Tautona e bile e le modulasetilo wa phathi ya BDP, Rre Masisi le ene o tlhalositse fa Rre Samu e ne e le mogaka bogolo jang mo phathing, a re bo molemo jwa gagwe bo ne jwa okela ba le bantsi kwa phathing . Rre Masisi o ne a leboga banni ba kgaolwana ya Kalakamati go bo ba ne ba bona go tshwanela go roma Rre Samu kwa khanseleng, a re ka jalo ba seka ba tla ba dira phoso mme ba tlhopha motho yo o ka tlang a kgopakgopetsana le thomo e e neng e setse e simolotswe ke Rre Samu.

Mothusa Tautona tlhalositse fa Rre Samu e ne e le mogaka, jaanong go le mo maruding a banni ba kgaolwana eo go tlhomamisa gore dikeletso le maitlamo a gagwe di agelwa mosako, a re go dira jalo ba tlaa bo ba itiretse bomolemo jwa gore tema e a neng a e segile e wediwe.

Fa a lebisa mafoko kwa balateding ba BDP ba kgaolwana eo, Rre Masisi o ne a ba gwetlha go batla motho yo o nang le setho sa ga Rre Samu, a le bonolo e bile a romega, yo o ka nolofaletsang phathi go gapa kgaolwana eo gape.

Tona Molefhi ene o ne a itsise morafe gore Rre Samu o tlhokafala jaana a ne a tshwere maemo a bodulasetilo jwa phathi kwa North East, e e akaretsang dikgaolo tsa Tati Bophirima, Nkange, Shashe Bophirima le Nata-Gweta.

Rre Molefhi o ne a tlhalosa fa khuduthamaga ya BDP e ne ya mo roma go etelela North East region, selo se se neng se dira gore a bereke a atamelane thata le Rre Samu, mme a re moswi o tsamaya jaana ba ne ba tshwere namane e tona ya tiro ya go tsosolosa makalana a phathi go netefatsa gore ba gapa ditlhopho tsa 2019.

O ne a gakolola Madomkraga go ya go bolotsa letsholo go leka go tsweledisa serodumo sa phathi ya BDP. E re ka jaana kgaolwana e go tlhalosiwa e tswa kgakala e le mo diatleng tsa kganetso, fela boitshoko le bopelotelele jwa ga Rre Samu, go bolelwa di ne tsa thusa go tlhagisa kganetso ka legora.  Moswi Samu, yo o tsholetsweng kwa Kalakamati ka kgwedi ya Phatwe ka ngwaga wa 1952, o tlhokafetse kwa sepateleng sa Nyangabwe kwa Francistown kgwedi eno e le malatsi mane morago ga go tshwarwa ke bolwetse dikgwedi tse nne tse di fetileng.

O weditse dithuto tsa gagwe tse dipotlana kwa sekoleng sa motse oo ka 1968 mme a ya go wetsa tse dikgolwane kwa Moeng College ka 1971 fa ka ngwaga wa 1972 a ne a thapiwa ke ba lephata la tepo loapi. E ne ya re morago a ya go bereka kwa komponeng ya Cashbuild kwa a berekileng dingwaga pele a tlogela go ya go itshimolela kgwebo kwa Palapye mme ya re ka ngwaga wa 2006, a boela gae kwa a neng a simolola go inaakanya le dikomiti tsa motse le tsa sepolotiki a le mo BDP.

Moswi o ne a emela ditlhopho ka ngwaga wa 2009 mme a fenngwa ke mokhanselara wa pele wa Botswana People’s Party (BPP) wa kgaolwana eo, Rre Madumela Matebu mme a iteka lesego gape mo ditlhophong tsa 2014, ka jalo a kgona go gapa kgaolwana eo mo go Rre Matebu yo o neng a eme ka konopo ya Umbrella for Democratic Change. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : KALAKAMATI

Event : Phitlho

Date : 14 Aug 2016