Breaking News

Kereke ya AFM e rotloetsa metshameko mo kerekeng

11 Aug 2016

Kereke ya Apostolic Faith Mission e rile bosheng ya rulaganya metshameko ya bolotlowa le kgwele ya dinao kwa lebaleng la metshameko la Molepolole ka maiteko a go rotloetsa metshameko mo kerekeng. Metshameko eo e e bidiwang Med Plus AFM e ne ya tsenwa ke baphuthegi go tswa kwa Tlokweng, Gaborone, Mogoditshane le Molepolole.

E rile fa a bua mo potsolotsong, motsamaisi wa metshameko mo AFM, Rre Stephen Keagakwa, a re metshameko eo ga e bolo go nna teng mo dingwageng tse some tse di fetileng fa e sale 2006.

A re ka metshameko eo, kereke e lemogile fa banana ba na le kgatlhego mo go tshamekeng. O boletse gape gore metshameko eo e ntshitse batshameki ba tlhwatlhwa ba ba jaaka Phondo Keimetswe yo o tshamekelang BDF IX le ba bangwe gape ba ba tshamekang mo ditlhopheng tse dingwe. Keagakwa a re le fa go ntse jalo ba eletsa go bona metshameko eo e gola e bo e oka babogedi ba bantsi. William Motereko wa Gaborone AFM a re ba dumalane go simolola metshameko morago fa ba sena go lemoga fa go sena fa banana ba ka kopanang teng le fa ba ntse ba na le ditiro tse dingwe tsa kereke jaaka go tshwara diphuthego tsa ngwaga le ngwaga.

O gateletse thata gore ka kereke e na le tiro e tona ya go dira pharologanyo mo setshabeng, banana ba ne ba tsaya sebaka se mo metshamekong go anamisa lefoko la Modimo mo metshamekong e e farologaneng. A re ba lemogile gore go na le kopano mo bananeng faesale metshameko e simologa ga mmogo le phetogo ya boitsholo le botsalano jo bo nonofileng.  Mo go tsa bolotloa, Barati Nkokonyane a re metshameko e thusitse go aga basetsana ba le bantsi ka go nna le boitsholo jo bo eletsegang. 

Dikgaisano tseo tsa kgwele ya dinao di ne tsa felela ka Gaborone AFM e nna mofenyi e sena go betsa Tlokweng ka dinno di le 5-4 ka diphenalithi. Mo go tsa bolotloa, Tlokweng e ne ya padimola Molepolole 24-13. Dikgaisano tseo di ne di duelelwa ke  Med Plus Medical Centre. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : MOLEPOLOLE

Event : Potsolotso

Date : 11 Aug 2016