Lekalana la thuto le akgotswe
11 Aug 2016
Lekalana la thuto ga e golelwe mo Ghanzi le akgoletswe go fa Batswana thuto ka botswerere le bonokopila.
Se, se builwe ke moemedi wa lekalana la LEA mo Ghanzi Rre Mogotsi Morewanare ka Laboraro kwa moletlong wa go ipelela beke ya go bala le go kwala.
Rre Morewanare o ne a gakolola baithuti gore e re fa ba ipelela beke ya go bala le go kwala, ba gakologelwe gore go ithuta ga se go bala le go kwala fela.
A re mo bogompienong, go ithuta go tswakanya dithuto jaaka go dirisa maranyane a segompieno mme maikalelo e le go aga bokamoso jo bo botoka.
Rre Morewanare o tsweletse ka gore dithuto tse di tlwaelesegileng e le tsa go bala le go kwala di tshwanetse tsa nonotsha baithuti go emela dikgwetlho, ditlhabololo le diphetogo tse di tlang le isago. A re se, se ka thusa thata go aga baithuti ditlhaloganyo gore ba seka ba palelwa ke sepe fela se sesha mo isagong.
Beke ya go ipelela go bala le go kwala e ne e ketekwa ka setlhogo se se reng “ Go Dirisa Se re se Ithutileng go Betla Bokamoso.” Rre Morewanare o ne a gatelela fa setlhogo se se supa gore go mosola gore batho ba tshele ka go gola mo dikitsong le go nonotsha tlhalefo ya bone.
O ne gape a re moletlo wa go ipelela go kwala le go bala ke phitlhelelo gape mo lefatsheng la Botswana e bile e le sengwe se se tshwanetseng sa akgolwa.
O ne a tlhalosa gore lekalana la Thuto ga e golelwe jaaka maikaelelo a lone e le go emelelana le dikgwetlho tsa metlha ya sesha le tshwanetswe la akgolelwa tiro e ntle ya lone. A re dikgwetlho jaaka lehuma, tiriso botlhaswa ya bana le go tswa mo dikoleng ga bana; ke tsone tse di rotloetsang lekalana la Thuto ga e golelwe go naya ba ba sa atlegang mo dithutong tsa bone mo dikoleng dingwe tsa dithuto tse ba ka itshetsang ka tsone.
Dithuto tse di tshwanang le go tlhotlheletsa kitso ka kgwebo gore Batswana ba kgone ba ikinole mo lehumeng, dithuto tse di neelang baithuti sebaka sa go fetsa dithuto tsa bosupa le tse dingwe. Rre Morewanare a re thuto mo metlheng ya gompieno e botlhokwa fela thata ka gore ga go motlhofo go fitlhelela sepe kwa ntle ga yone. A tlhalosa gore thuto ke tshwanelo ya mongwe le mongwe mme a re e rotloetsa boleng jwa batho e bile e fokotsa dipharologano fa gare ga batho. A re ka thuto batho ba kgona go aga le go tshegetsa setso mme ba amogele gore ba ka kgona go tshedisana sentle go sena diphapaang le ntswa ba farologana ka setso le ngwao. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Ketshepile More
Location : GHANZI
Event : Moletlong wa go ipelela beke ya go bala le go kwala
Date : 11 Aug 2016






