Lekgotla le ruta banana ka mosola wa tlhopho
11 Aug 2016
Mookamedi wa lekgotla le le rotloetsang seabe sa banana mo dithophong, Organisation for Youth and Elections in Botswana (OYEBO), Rre Bernard Bogosi a re tiro ya lekgotla leo ke go ruta banana ka botlhokwa le boleng jwa go tlhopha mo ditlhophong tsa setshaba.
Rre Bogosi o buile seo kwa phuthegong ya kgotla kwa Tutume ka Laboraro mme a re lekgotla le le simolodisitswe ka kgwedi ya Phukwi ka ngwaga wa 2011 mme la kwadisiwa ka fa molaong ka kgwedi ya Phalane ka ngwaga wa 2011.
O supile fa banana ba le maoto a tshupa go ikwadisetsa ditlhopho le go tlhopha tota a bo a gatelela ka gore ka dipatlisiso tse di dirilweng ka ngwaga wa 2002 di supa fa banana ba sena kgatlhego ya go tlhopha.
A re ka lekgotla leo la OYEBO, ba leka go sedimosetsa banana ka mosola wa go tlhopha le go ba rotloetsa go emela maemo ape fela a sepolotiki a ba eletsang go ka a emela.
Rre Bogosi a re gape ba ruta banana ka tsa sepolotiki le go ba fa lesedi la gore tlhopho e tsamaya jang, e ba tsholetse eng le go ba rotloetsa go nna le boikarabelo gore le bone ba kgone go emela maemo a sepolotiki a ba a batlang jaaka bokhanselara kana bopalamente.
O ne a kgala banana bangwe ba ba sa diriseng maranyane a tlhaeletsanyo a Facebook sentle, ba kgakgautlhana kana ba kgala bangwe ka mafoko a botlhoko, selo se a kaileng se diga seriti sa bone.
Gape o ne a ba kopa go nna banana ba ba nang le boikarabelo le go supa boleng mo setshabeng gore le batho ba kgonne go ba lemoga fa ba na le boikarabelo jwa go ka etelela setshaba fa ba ka tlhophiwa.
Rre Thomas Mbejane wa monana o ne a leboga lekgotla leo go tla ka thuto eo e e tlaa lekang go tsosolosa banana le go ba fa lesedi ka mosola wa go tlhopha.
A re ba le banana ba na le kgatlhego ya go emela ditlhopho, a re sebe sa phiri ke gore Batswana ba na le mokgwa wa gore ba tlhopha motho yo o nang le itsholelo e e rileng.
O tsweletse a tlhalosa fa batho ba batla motho yo o nang le koloi e ba e beileng gore e tlaa ba thusa ka dinako tsa fa ba na le mathata mme fa o tla o le monana o itshopere fela le fa o na le boleng jwa go ka etelela batho, ga ba go bone o le sepe.
Rre Mbejane o ile a re gape go tlhoka madi a go ipapatsa le thuto e e tseneletseng ke kgwetlho ka gore polotiki tota ke eng le gore e tsamaya jang.
O ne a tswa ka mogopolo wa gore puso e re letsatsi pele ga letsatsi la ditlhopho go tswalwe marekisetso a bojalwa gore banana ba kgone go ya go tlhopha.
Gape o ne a bolela fa banana bangwe ba lala mo mafelong a marekisetso a dinotagi mme seo se ba paledise go tlhopha ka bangwe ba goroga ko matlhophelong a tswetswe kana ba kobiwa mo matlhophelong ka go tlhoka go itshwara sentle. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : TUTUME
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 11 Aug 2016






