Breaking News

Mokhanselara Samu o tlhokafetse

11 Aug 2016

Kalakamati kwa kgaolong ya botlhophi ya Tati Bophirima, Rre Israel Samu o tlhokafetse.
O tlhokafetse kwa sepateleng sa Nyangabwe kwa Francistown kgwedi eno e le malatsi a le mane morago ga go lwala ka lobaka lo lo khutshwane.
Moswi Samu o tsholetswe kwa Kalakamati ka ngwaga wa 1952, a bo a dira dithuto tsa gagwe tse dipotlana kwa sekoleng sa motse oo mme a ya go tsweledisa dithuto tsa gagwe tse dikgolwane kwa Moeng College.
O simolotse go bereka kwa lephateng la tepo loapi mme a tloga a ya go bereka kwa marekisetsong a dithoto tsa kago a Cashbuild, mme ya re ka ngwaga wa 2006 a boela gae kwa a neng a simolola go inaakanya le merero ya sepolotiki a le mo Botswana Democratic Party (BDP).
Rre Samu o ne a emela ditlhopho tsa setshaba ka ngwaga wa 2009 mme a fenngwa ke mokhanselara wa pele wa kgaolwana eo, Rre Madumela Matebu mme a tla a iteka lesego gape mo ditlhophong tsa 2014 a bo a kgona go gapa kgaolwana eo mo go Rre Matebu wa Umbrella for Democratic Change (UDC).
Mothusa modulasetilo wa khansele ya Bokone Botlhaba yo gape e leng mokhanselara wa kgaolwana ya Gulubane, Rre Dikitso Mandevu o tlhalositse fa go tlhokafala ga ga Rre Samu e nnile tatlhegelo e kgolo mo khanseleng ya Bokone Botlhaba mmogo le mo phathing ya BDP ka jaana e ne e le motho yo o dirang tiro ya gagwe ka boineelo le ka bopelotelele.
Moswi o tlogela mosadi le bana ba le bane, basimane ba le bararo le mosetsana a le mongwe le bana ba bana ba le babedi mme o tlaa bolokwa kwa Kalakamati kgwedi eno e le lesome le boraro ka Matlhatso.Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : KALAKAMATI

Event : orbituary

Date : 11 Aug 2016