Banni ba Tewane ba tlaa letlanya bogogi
11 Aug 2016
Banni ba Tewane ba dumelane go tshwara phuthego ya kgotla kgwedi ya Phatwe e le lesome le botlhano go leka go rarabolola kgotlhang fa gare ga boeteledipele jwa motse wa bone.
Se se tla morago ga gore kgosi wa Tewane, Mme Keorapetse Kalanke le mokhanselara Mme Julia Miranda ba nne le diphapaang tebang le dikgang tsa motse oo.
Mo phuthegong ya tshoganetso bosheng, e tsenwe ke ramopodisi a Mahalapye Rre Isaac Mmamadi, dikgosana le komiti ya ditlhabololo tsa motse ga mmogo le boeteledipele joo ba dumelane go tla ka ditharabololo go leka go kopanya bobedi joo.
E rile a tswa la gagwe Mme Miranda o boleletse batho ba ba neng ba tsene phuthego eo, gore kgosi o mo pateletsa dikgang tsa gore o batla go mo amoga bogosi mo go dirang gore ene le kgosi ba seka ba dirisana mmogo mo ditirong tsa motse di akaretsa kamogelo ya molelo wa kgolaganao, diphuthego tsa dikgotla le dikgang tse di amang ditlhabololo.
A re ga a na k maikaelelo a go tsaya bogosi jwa Tewane ka jaana tiro ya gagwe e itebagantse le go bua ka ditlhabololo tsa motse le go dirisana le morafe go balelwa le kgosi. Mabapi le magatwe a gore ga a dirisane sentle le komiti ya ditlhabololo le komiti ya badirelapuso, Mme Miranda o tlhalositse fa magatwe ao a sena boammaaruri ka jaana ba tswa kgakala ba dirisana le dikomiti tseo ka jaana ba kgona go lekodisana ka ditlhabololo.
Mme Miranda o tsweletse ka go kopa morafe le baeteledipele ba motse go dirisana mmogo gore ba kgone go tsweledisa ditlhabololo tsa motse wa bone boemong jwa go kubetsana ka mafoko ka seo se ka ba kgaoganya ka bogare.
E rile Kgosi Kalanke a tswa la gagwe a bolela fa go na le batho bangwe ba ba tlhotlheletsang kgotlhang fa gare ga gagwe le mokhanselara ka maikaelelo a go menola bogosi jwa gagwe.
A re go na le dikgang tsa gore kgosi o kgokgontsha mapodisi ntswa e le tsamaiso le tshwanelo ya gagwe go gakolola bodiredi jwa kgotla fa go na le boitseme mo tirong.
A re dikgang tsa gore o rile ga go na mapodisi mo motseng ga se nnete, ene o tlhalositse gore ke eng mapodisi a tlhola a ntse mo kgotleng asa ye go patorola mo motseng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Obakeng Molefe
Location : MAHALAPYE
Event : kgotla meeting
Date : 11 Aug 2016






