Bagodi ba leboga mokhanselara
11 Aug 2016
Banni ba Molalatau kwa kgaolong-potlana ya Bobirwa ba lebogile mokhanselara wa bone go bo e le modisa yo o molemo ka go mo abela mpho e le tsela ya go mo tiissa moko.
Banni bao, ba bontsi jwa bone e leng bagodi ba ba dingwaga tse di masome a marataro le botlhano, ba ne ba dirile moletlo o wa kabo dimpho le dijo tsa motshagare ka Labotlhano go leboga mokhanselara Rre Nathaniel Moribame yo ba supileng fa ba ntse ba dirisana le ene ka lebaka le le leele.
Modulasetilo wa komiti ya bagodi, Rre Pusompe Mothatego, a re ba bone go tshwanela go lebogela Rre Moribame tiro e ntle e a e ba direlang ka botswerere, boineelo le bonatla.
Rre Mothatego a re ba ne ba kgobokanya bonyenyane kgwedi le kgwedi mo mading a dituelo tsa bagodi mme ba reka mpho eo ya microwave ga mmogo le go dira dijo tsa motshegare e le tsela ya go supa gore Rre Moribame o a romega.
A re ba dirile seo ka mokhanselara Rre Moribame le ene a le letsogo le le abang ka a kile a ba abela dikobo e le bagodi ba motse o o ga mmogo le go ba direla dijo tsa motshegare, go ba agela lefelo le ba amogelelang madi a bone teng.
Rre Mothatego a re motlhala wa thomo ya ga Rre Moribame mo kemeding ya gagwe e le mokhanselara e a bonala a supa fa a ba tliseditse ditlhabololo mo motseng wa bone jaaka ofisi ya boipelego le balemisi.
A re kokelwana ya motse oo le yone e ne ya tlhabololwa go direla balwetse moriti mme tseo e le tse dingwe tsa ditiro tse Rre Moribame a tsentseng letsogo mo go tsone.
Rre Mothathego o supile fa Rre Moribame a buelela kgaolo ya gagwe a re matlo a badirela puso le one a ne a tlhabololwa gore ba nne mo bonnong jo bo kgatlhisang.
Fa a tswa la gagwe Rre Moribame o lebogetse kakgolo eo go tswa mo banning mme a itlama gore o tlaa tswelela a thusa setshaba sa Molalatau fa a ka kgonang teng.
Rre Moribame a re banni ba nne ba mo tlhopha go nna mokhanselara ba lebile bokgoni ja gagwe mme a supa fa a tlaa thusa mongwe le mongwe a sa lebelela mmala wa phathi epe fela.
O supile fa a dirisana le molaodi wa kgaolo gore tiro ya gagwe e atlege, mme ka jalo a leboga kemo nokeng ya gagwe.
O kaile fa kgaolo-potlana ya Bobirwa e a e eteletseng e le nngwe e e di gogang kwa pele mo go fetseng ditiro tsa puso ka nako mme a itlama gore o tlaa tswelela e le morongwa yo o molemo.
Tiro eo e ne e tsenwe gape ke molaodi wa kgaolo ya Bobirwa Rre Mooketsi Lesetedi. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Selelo Moshokgo
Location : MOLALATAU
Event : Ba leboga mokhanserala
Date : 11 Aug 2016






