Bathophisi ba a kopana
10 Aug 2016
Lekgotla le le ikemetseng la ditlhopho le kopane le makgotla a mangwe a ditlhopho go tswa mo mafatsheng a SADC a tlaa tshwara phuthego ya ngwaga kgwedi eno e le 23 kwa Gaborone.
Phuthego eo ya dithutano e tlaa bulwa semmuso ke Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama.
Mo potsolotsong, sebueledi sa lekgotla la ditlhopho, Rre Osupile Maroba, o boletse fa phuthego eo e tlaa leka go tokafatsa tsamaiso ya ditlhopho mo mafatsheng a SADC ka go kanoka dipego tsa maduo a ditlhopho tse di ka dirisiwang go fetola boleng ja ditlhopho.
Rre Maroba a re ba tlaa leka go dumalana dikgato kana ditsetla tse di tshwanetseng go tsewa go tlhomamamisa gore nako le nako go tlhatlhobiwa maduo a ditlhopho ka fa molaong.
O boletse gape gore ba tlaa tlhalosa ditsela tsa botlhokwa go fefosa go diragadiwa ga go kanoka maduo a ditlhopho, ba abalane dikitsiso le dikitso ka ditiragalo tse di siametseng ditlhopho ga mmogo le go simolodisa maduo a buka ya OSISA, e e buang ka makgotla a ditlhopho a mafatshe a SADC.
Rre Maroba o tlhalositse gore ECF-SADC ke lekgotla le le ikemetseng ka nosi le bookamedi ja lone bo leng mo Botswana.
O tsweletse a re lekgotla leo le na le makalana a tsamaiso ya ditlhopho mo mafatsheng a SADC ebong Angola, Botswana, DRC, Lesotho, Malawi, Mauritius, Mozambique, Namibia, South Africa, Seychelles Swaziland, Tanzania, Zambia, Zanzibar le Zimbabwe.
O boletse gape gore ECF le SADC, ga di bolo go nna teng fa esale ka Phukwi 1998 mme lekgotla leo le na le mokgwa o le dirang ka one, go balelwa le go tshwara phuthego, komitikgolo le bokwaledi.
A re bokopano ja go nna jalo bo botlhokwa thata mo go tlhomamiseng gore tsamaiso ya ditlhopho mo kgaolong ya SADC e ka tokafadiwa le go nonotsha makgotla a ditlhopho go dira tiro ya one.
Rre Maroba o ne gape a re mangwe maikaelelo a bone, ke go rotloetsa le go tlhabolola le go tlotlomatsa ngwao ya puso ya batho ka batho le seemo se se siametseng go dirwa ga melao ya ditlhopho e e tsamaelanang le mafatshe a mangwe ka tsamaiso ya ditlhopho.
Rre Maroba o ne a bolela gore ECF-SADC e rotloetsa botsalano jo bo siameng fa gare ga makgotla a ditlhopho a SADC le batsayakarolo ba bangwe ka go diragatsa kana go tsamaisa ditlhopho ka ditsela tse di gololesegileng e bile di direlwa mo pontsheng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : GABORONE
Event : Thuto puisanong
Date : 10 Aug 2016






