Breaking News

Swartz o lekola ba Letlhakeng

10 Aug 2016

Mongwe wa maloko a lekoko le le tlhomilweng ke Tautona go lekola mananeo a dithuso a puso, Rre Johnnie Swartz a re batho ba ba thusitsweng ka lenaneo la nyeletso lehuma le bodiredi ba tshwanetse go dira mmogo go tlhomamisa gore lenaneo leo le a atlega. 

Erile fa a buisanya le ba ba filweng dithuso tsa nyeletso lehuma pele ga a ka simolola loeto lwa metse e le mene mo kgaolong-potlana ya Letlhakeng, Rre Swartz a bolela fa a tshwenngwa ke gore go lebega badiri le ba ba thusiwang ba kopana fela fa tiro e simologa mme tirisano e tswelele ka go wela tlase fa nako e ntse e tsamaya. 

Rre Swartz o tlhalositse gore jaanong go ntshiwa ga madi fela go le nosi e a bo e sa tlhole e le gone fela go leng botlhokwa go le nosi mo tirong eo. 

A re jaanong tiro e tshwanetse go ntsha maduo a a solofetsweng.

O ne gape a supa fa nngwe ya maikaelelo a lekoko le le tlhatlhobang ditiro tsa puso e le go bona gore Batswana ba itse go le kae ka mananeo a puso le gore ba a dirisa ka bokete kana bontsi jo bo kae, ka gore mananeo ao a a bo a diretswe go nyeletsa lehuma.

A re ka jalo maikaelelo a matona a loeto ke go itse maikutlo a bone e le badirisi ba mananeo le tse ba batlang di dirwa go tokafatsa mananeo. 

Molomaganyi wa lenaneo la nyeletso lehuma mo kgaolong ya Kweneng, Rre Gaotlhobogwe Kwelagobe, o ne a akgolela bomme go dirisa mananeo a nyeletso lehuma ka dipalo tse di kwa godimo.

A re ba setse ba kanokile e bile ba amogetse dikopo di le 4004 mo kgaolong-potlana eo go ithusa ka mananeo a a farologaneng mme ba le 494 ba setse ba rutintshitswe.

Rre Kwelagobe a re batho bangwe ba ne ba thusiwa ka madi kwa ntle ga gore ba rutintshiwe, mme seo sa tsisa palo yotlhe e e thusitsweng kwa go 1 916.

Rre Kwelagobe gape o ne a supa gore ditiro di le 182 di tsweletse mo kgaolong-potlana, mme mo go tsone, di le 19 di atlegile fela thata. A re ba abetswe P4 million go fefosa melala ya ditiro tse di neng di sa dirwa.

Mothusa mokwaledi wa khansele yo mogolwane kwa Letlhakeng, Rre Nigel Mangoye o ne a rotloetsa ba ba thusitsweng, mme ba ne ba amogetse bontlha bongwe fela ja dithuso, jaaka didirisiwa, gore ba tle kwa go bone ba tle ba thusiwe.

O ne gape a rotloetsa ba ba thusitsweng go akola mananeo a dithuso fa a sa ntse a le teng.

Erile a akgela, mogolwane mo lephateng la tsadiso ya leruo, Rre Bakang Keinyatse a bolela gore mo nakong e e fetileng, ba ne ba kgorelediwa ke go tlhoka bodiredi jo bo ka abelang ba ba thusitsweng melemo ya leruo, mme legale bothata joo bo tlaa tsibogelwa ka e rile bosheng ba neelwa modiri yo o lebaganeng le go aba dithoto. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : LETLHAKENG

Event : Rre Swartz o buisanya le ba filweng dithuso tsa nyeletso lehuma

Date : 10 Aug 2016