Kgotla e nonotsha puso ya batho ka batho
09 Aug 2016
Kgotla e na le seabe sa botlhokwa thata mo go nonotsheng tsamaiso ya puso ya batho ka batho le gone go tlotlomatsa boitsholo jo bo siameng le tlotlano.
Mothusa tona wa Lephata la Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Frans Van Der Westhuizen, o boletse jalo fa a ne a aba leobo kwa kgotleng ya White City kwa Mahalapye ka Labone.
A re kgotla, jaaka e le bontlha bongwe jwa ditso, ke lefelo le dilo ka go farologana jaaka go kgwathisiwa, le ditiro tse dingwe tsa ditsheko di diragalang teng. A re kgotla e emetse ditso le boswa ja lefatshe leno. Leobo leo la kgotla ya White City le ne la agiwa ke komiti ya ditlhabololo tsa motse le banni ba dikgotla tsa Botalathoma mo Mahalapye ka boipelego.
Rre Van Der Westhuizen a re tiro eo e botlhokwa that a e e dirilweng ke morafe wa Botalathoma, a tlatsa ka gore go botlhokwa thata mo dikgotleng tsa Setswana ka e le one mafelo a a tshegeditseng ngwao ya Setswana. A re tiro eo gape ke peeletso ya lebaka le le leele mo motseng o le leng mo go one ka botlhe ba ka kopanela koo go akola ngwao ya bone. Mothusa tona o boletse gore tiro eo e na le bokgoni ja go tokafatsa bojanala le go tswakanya itsholelo ka go diragatsa bojanala ja ngwao e le tsela nngwe ya go somarela ngwao. Ka go nna jalo Rre Van Der Westhuizen o tlhalositse gore komiti ya ditlhabololo tsa motse le morafe ba ne ba tsaya tshwetso e e siameng ka go akanya ka tiro e e tlotlomatsang ngwao le ditso tsa Batswana. O boletse gore tiro eo gape e tlaa somarela ngwao, gore e tle go fitlhelwa ke dikokomane tse di tlang, a tlatsa ka gore lobo leo le supa ngwao, mekgwa le boleng ja botshelo ja Setswana.
Mothusa tona a re go tlaa nonotsha tsamaiso ya dipuisano mme e lere fa go ka kopanelwang teng, go bona fa batsadi ba bone ba neng ba ba tlogetse teng mo e leng gore mongwe le mongwe mo setshabeng o na le tshwanelo ya go ntsha mafatlha a gagwe go sa kagathalasege gore ke wa bong bofe, dingwaga kana morafe.
O ne a leboga komiti ya ditlhabololo tsa motse le morafe go bo ba ntsheditse tiro eo madi, a re madi a ba a ntshitseng a supa boineelo le boipelego mo dikeletsong tsa morafe.
Ka jalo a re ditiro tsa bone di tlaa sala mo morafeng go ya go ileng mme di akolwa ke dikokomane tse di tlang di bo di fe motse seriti le tebego e e botoka. O tlhalositse gore tiro eo e tsile ka nako e e siameng fa lefatshe le ipelela dingwaga tse di masome matlhano.
Rre Van Der Westhuizen o ne a rotloetsa banaleseabe ba bangwe ba ba tlhokegang e bile ba na le bokgoni bogolo thata mhama o o ikemetseng ka nosi go beeletsa mo ditirong tsa go nna jaana, e le go thusa dikomiti tsa ditlhabololo le go rotloetsa dikomiti tse dingwe go tsaya malebela mo go ba bangwe. E rile a akgela, modulasetilo wa komiti e kgolo ya ditlhabololo ya Mahalapye Rre Goabaone Ntapu a re tiro eo e dirilwe ke dikgotla tse tharo ebong Botalaote, White City le Thomadithotse. Rre Ntapu a re leobo leo le agilwe ka boipelego le boithaopo.
A re e ne ya re fa ba tsaya ka 2014, maikaelelo mangwe a bone ya bo e le go tsosolosa dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse tsotlhe mo Mahalapye, go lere ditlhabololo kwa bathong, go rotloetsa boitsholo, le go tlhabantsha tshenyetso setshaba le go rotloetsa tirisano fa gare ga dikomiti tsa ditlhabololo le morafe.Bokhutlo
Source : BOPA
Author : bopa
Location : MAHALAPYE
Event : Kgotla Meeting
Date : 09 Aug 2016






