Ipelo e na le bokao mo sepodising
09 Aug 2016
E rile ka Matlhatso, mapodisi a bo a ipelela ngwaga wa bo lekgolo le masome a mararo le bobedi sepodisi se ntse se le teng.
Moletlo oo o ne o tsenwe ke Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama, Mothusa Tautona Rre Mokgweetsi Masisi, le matona a puso.
E rile fa a bua kwa moletlong oo, mothusa mookamela mapodisi, Assistant Commissioner Witness Bosija a re go ipela moo go na le bokao jwa botlhokwa mo sepodising le tiro ya sone bogolo thata ka nako e lefatshe leno le ipelelang masome a matlhano a boipuso.
Assistant Commissioner Bosija a re sepodisi sa Botswana se nnile le seabe se setona mo go tliseng kagiso e lefatshe leno le itsegeng ka yone kwa mafatsheng a mangwe.
A re jaaka Botswana a ipelela masome a matlhano a boipuso e le ba sepodisi sa Botswana ba ka ipelafatsa ka gore ba na le seabe mo kagisong le thitibalo e e renang mo Botswana. A re ba nnile le seabe mo go tlhomamiseng gore Batswana le dithoto tsa bone ba sireletsegile. A re ba tsweletse ka go tseela tshireletsego kwa godimo gore go tle go nne le kagiso le thokgamo mo Botswana.
O boletse gore ka borukutlhi bo gomagometsa kagiso le thitibalo ya lefatshe lefe kana lefe, mapodisi a Botswana mo dingwageng tse tsotlhe ba tlhomamisa gore Batswana ba sireletsegile ka dinako tsotlhe. O tsweletse ka gore sepodisi se se kgonne go diragatsa toro ya Botswana ya go nna tshaba e e kopaneng e e ipelafatsang ka go simolodisa mananeo a twantsho borukutlhi le go dira gore setshaba kana morafe o nne le seabe, o dirisana le mapodisi go lwantsha borukutlhi.
A re mananeo a a jaaka ntebele ke go lebele, dikomiti tsa twantsho borukutlhi ke mangwe maiteko a mapodisi a a dirisang go dirisanya le morafe go tlhabantsha borukutlhi. O boletse gape gore ntateng ya dikeletso tse di farologaneng, ba na gape le thulaganyo ya go dirisana le makalana a a farologaneng go tlhabantsha borukutlhi ba lebile mafelo kana diemo tsa bone.Bokhutlo
Source : BOPA
Author : bopa
Location : Lobatse
Event : police day
Date : 09 Aug 2016






