Breaking News

Go ima ga bana ba sekole goa tshwenya goa tshwenya

09 Aug 2016

Mookamela tsa thuto mo kgaolong ya Kgatleng Rre Matlhogonolo Mokakapadi a re go ima ga bana ba ba dingwaga di kwa tlase e sa ntse e le kgwetlho mo lefatsheng leno.

Rre Mokakapai o boletse mo potsolotsong gore le fa moithuti mongwe le mongwe yo o tlogelang sekole a e ka nna ka go thoba, go sa tsogeng sentle,go bereka ga bana, go bereka mo dipolaseng le botlhokatsebe kana ka go ima go a tshwenya. 

A re ka thulaganyo ya thuto ya botlhe, (Education for All) ngwana mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go bona thuto go sa kgathalesege gore seemo sa gagwe sa itsholelo kana sa botshelo se ntse jang. 

A re dipalo di supa gore mo kgaolong ya Kgatleng ka ngwaga wa 2015, baithuti ba le 15 ba ne ba tswa mo sekoleng ntateng ya boimana, mme ba le lesome ba bone ba tswa kwa sekoleng se segolwane sa Molefi fa ba le batlhano ba tswa mo go tse dingwe.

Rre Mokakapadi a re mo ngwageng ono fa esale Hirikgong, baithuti ba le 14 ba setse ba dule mo sekoleng ntateng ya boimana fa kgwedi ya setebosigo e fela, a tlatsa ka gore ba le supa ba bone ba tswa kwa sekoleng se segolwane sa Molefi fa ba bangwe ba ba supang ba tswa kwa dikoleng tse dingwe tse di kwa tlase mme boimana jotlhe ja fitlha kwa go 14.

Mookamedi yoo wa thuto o boletse gore baithuti ba tlogela sekole ka mabaka a a farologaneng jaaka go tlhoka botsogo, go thoba mo sekoleng le boimana a tlatsa ka gore go na le baithuti ba le 17 ba ba ngwegileng mo sekoleng , a le mongwe ka bolwetse fa ba le 14 e le ka boimana.

O boletse gape gore botsamaisi bo leka go itebaganya le dikgwetlho ka mananeo a a jaaka Peer Approach Counselling by Teens, tshidilo maikutlo, komiti ya batsadi le barutabana, go ba rotloetsa mo moeng le dithuto tsa go itshwara sentle, ka go laletsa baruti kwa sekoleng le tse dingwe.

A re le fa go ne go na le dithulaganyo tsa go nna jaana, boimana jwa bana bo tsweletse ka go nna teng ntateng ya go sa tlhokomelelng bana ga batsadi, malwapa a a eteletsweng pele ke bana, lehuma, go latlhelela dilo ga batsadi le tlhakatlhakano e e mo setshabeng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : MOCHUDI

Event : Potsolotso

Date : 09 Aug 2016