Kereke e lwantsha lehuma
09 Aug 2016
Mothusa tona wa ofisi ya ga Tautona le bodirelapuso Rre Dikgang Makgalemele a re dikereke di na le seabe sa botlhokwa mo go thuseng go nyeletsa lehuma mo magaeng.
Rre Makgalemele a re o itumedisitswe thata ke mowa wa boithaopo mo dikerekeng tse di farologaneng tse maikaelelo a tsone e leng go thusa mo maitekong a yone a go neela batho dithata tsa itsholelo ka go dira ditiro tse di farologaneng.
Mothusa tona o ne a akgola dikereke jalo kwa phuthegong e e neng e tsenwe ke baruti ba dikereke tse di farologaneng kwa Maun.
Maikaelelo a phuthego eo e ne e le go ruta baruti ka mananeo a puso go ba dira gore ba itse mananeo ao mme ba thuse puso mo tsamaisong kana tiragatso ya mananeo a nyeletso lehuma.
Rre Makgalemele o ne a itumedisiwa ke go lemoga gore dikereke ka bontsi di goga kwa pele tiro ya go abela ba ba dikobo dikhutshwane, go tlhokomela batlholagadi, ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng, masiela le go etela ba ba lwalang.
Baruti ka bontsi ba ne ba supa fa ba na le sengwe se ba se dirang go tokafatsa matshelo a batho a maloko a diphuthego tsa bone le setshaba ka kakaretso.
O akgoletse dikereke tiro e ntle e di e dirang a tlatsa ka gore puso e tsweletse ka go lemoga seabe sa bone mo tlhabololong ya lefatshe leno, a e ka tswa e le mo go tsa botsogo, thuto, puso e e lolameng le boitshwaro jo bo eletsegang mo bananeng.
Mothusa tona a re jaaka lefatshe leno le ipelela boipuso jwa masome a matlhano, ba bone go tshwanela go kopana le baruti go amogana megopolo mabapi le seabe sa kereke mo nyeletsong lehuma.
Rre Makgalemele o boletse gore lehuma le gongwe le gongwe le fa e le gone mo dikerekeng tota mme puso e dumela gore ka baitseanape, babeeletsi, batlhalefi ka go farologana gape ba bonwa mo dikerekeng, ba ka nna le seabe se segolo mo go nyeletseng lehuma.
A re puso e ikaelela gore e bo e nyeleditse lehuma la nta ya tlhogo ka ngwaga wa 2017. O ba boleletse ka mananeo a le 45 a a mo lenaneong la nyeletso lehuma a bo a gatelela gore baruti ba rute diphuthego tsa bone ka mananeo ao.
Rre Makgalemele o ne a leboga dikereke go bo di ne tsa tsibogela thulaganyo ya ga Tautona ya go agela ba bangwe matlo, a tlatsa ka gore puso ga e kake ya kgona dikgwetlho tsotlhe ka nako e le nngwe fela kwa ntle ga kemonokeng ya bone.
Erile ba akgela, baruti ba rotloetsa babusi ba ba lebaneng go inaakanya le dikereke ba bo ba rute sertshaba.
Ba re baeteledipele ba tshwanetse go etela dikereke go di tlhalosetsa mananeo a nyeletso lehuma ka botlalo.
Baruti ba re ka go tlhoka lesego, baruti bangwe le baphuthegi ba ne ba seka ba tla kwa phuthegong eo ya kgotla kwa megopolo e neng e buisanngwa teng.
Moruti Leageng Mpolokang wa kereke ya Sabata o ne a lebogela mananeo ao mme bogolo thata la temo ya digotlo a re ga e kake ya kgonega kana ya atlega ntateng ya tlhaelo ya metsi kwa Ngamiland.
O ne gape a bolelela mothusa tona gore kereke ya gagwe e na le mananeo a dithuso, jaaka sekole sa banayana ba masiela.
O ne a lela ka tlhaelo ya ditsompelo mme a tlhalosa gore gape ba thusa ka mephuthelwana ya dijo ka madi a a ntshitsweng kwa kerekeng.
Moruti Mpolokang o ne a bolela gore ba ikaelela go aga tshingwana ya merogo e kgolwane kwa ba tlaa lemang merogo teng go thusa puso. Moruti Ofentse Motshwarakgole go tswa kwa kerekeng ya Lambs Followers Apostolic o ne a tlhalosa fa go na le banana ba ba tlhamileng mokgatlho wa bopelotlhomogi o o dirang ditiro tsa bopelotlhomogi.
O tlhalositse gore lekgotla leo le naya banana dithata tsa itsholelo ka go ba rotloetsa go ithusa ka mananeo a dithuso a banana a a teng mme ba thusa ka go tlatsa difomo tsa ikopelo madi kana dithuso tsa banana.
A re moono wa mokgatlho oo ke go tlhomamisa gore banana ba bona thuto ka ba dumela gore thuto ke yone konokono mo go nyeletseng legume le go isa batho kwa mankalengkaleng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : MAUN
Event : Phuthego ya dikereke
Date : 09 Aug 2016






