Breaking News

Dipaakanyetso tsa go goroga ga molelo di tsweletse

09 Aug 2016

E re ka dipaakanyo tsa kgorogo ya molelo wa kgolagano mo motseng wa Molepolole di ile magoletsa, Bakwena ba supile fa ba ikiteile sehuba go o amogela ka maatlametlo a magolo.

Molelo o o sa tswang go goroga  kwa motseng wa Kgope mo kgaolong ya Kweneng kgwedi ya Phukwi e le masome a mararo  o tswa kwa kgaolong ya Kgatleng, o solofetswe go goroga mo motseng wa Molepolole kgwedi eno e le lesome le bobedi mme go solofetswe fa o tlaa tsaya malatsi a le mane mo motseng oo.

E ne ya re bosheng Kgosikgolo Kgari wa boraro wa Bakwena,  a rolela komiti e e baakanyetsang kgorogo eo ya molelo le meletlo ya boipuso,maina a dikgotlana  tse ditona di le nne  tse e leng tsone dimapo tsa motse wa Molepolole tse  molelo o tla yang kwa go tsone pele o fetela kwa Letlhakeng. Maina a dikgotla tse di boletsweng tseo ke kgotla ya Mokgalo, Tshosa, Maunatlala le gooNtloe dibe.

Le fa go ntse jalo, dithulaganyo tse  di dirilweng ke gore  molelo o gape o isiwe ko mafelong a mangwe a a nang le ditso tsa Bakwena jaaka kwa Logageng lwa ga Kobokwe, kwa Ntsweng kwa gone go nang le mabitla a dikgosi tsa Bakwena le mafelo a mangwe a a humileng kana a na le  bokao ja ditso tsa morafe wa Bakwena.

E re go ntse jalo tsholofelo ke gore kwa dikgotlaneng tseo le mafelo a a boletsweng go tlaa nna le borara ja motse jo bo itseng ditso tsa morafe wa Bakwena go tlhalosa ka botlalo.

Modulasetilo wa komiti eo, Rre Aaron Mhiko a re komiti le setshaba ka kakaretso di tshwere ka natla go dira dipaakanyo tse di tlaa kgatlhang leitlho bogolo jang mo dikgorong tsotlhe tse di tsenang ka motse wa Molepolole.

Komiti eo gape e rulagantse gore e tlaa re kgwedi eno e le lesome le bongwe letsatsi pele ga kgorogo ya molelo go nne le motseletsele wa dikoloi go ralala motse wa Molepolole maikaelelo a seo e le go oka setshaba go tla go ipela le go gorosa molelo.Bokhutlo

 

 

Source : BOPA

Author : Dinah Mfulwane

Location : MOLEPOLOLE

Event : Kgorogo ya molelo wa kgolagano mo motseng wa Molepolole

Date : 09 Aug 2016