Breaking News

Pasela morui yo o sa iponeng tsapa

08 Aug 2016

Mme Kenanao Pasela wa Kanye ke morui wa dinku le dipodi tse a di kopanetseng le Rre Philip mme ba ruetse ko polaseng ya Sunny Side ntlheng ya Otse.

E rile a tlhalosa mo potsolosong kwa ditshupong tsa mono ngwaga tsa temo-thuo, Mme Pasela o boletse fa a simolotse go rua dihutshane ka ngwaga wa 2008.

A re o simolotse fela a dirisa madi a pata ya gagwe ka jaana a ne a seka a atlega go bona madi a banana. 

“Ke simolotse go rua dinku le dipodi ka ngwaga wa 2008, ke sena go fetsa dithuto tse dikgolwane tsa bokwaledi, ke ne ke gwetlhilwe ke letlhoko la ditiro, mme ka bona fa leruo le ka mpoloka. Mme Pasela o ne a bolela fa leruo e le selo se se batlang bopelotele, boineelo ga mmogo le lorato go bona maduo a mantle.

“Leruo le thoka maikaelelo e bile o le fa tlhokomelo e e tseneletseng, ntle le lorato le boineelo go ka nna thata, mme fa di setse di le teng, go rua e nna selo se se motlhofo thata,” ga tlhalosa Mme Palesa.

Mme Pasela o ne a tlhalosa gape fa a thapile banana ba le bararo go mo thusa mo tlhokomelong ya leruo la gagwe ka jaana a na le ditiro tse dingwe tsa mo lapeng jaaka go thokomela bana.

O tsweletse a tlhalosa fa ka boammaaruri leruo le na le dipoelo fela tse di itumedisang, “leruo le na le dipoelo fela thata, re kgonne go reka dikoloi, go aga ga mmogo le go tsenya bana sekole ka dipoelo tsa teng” ga tlhalosa Mme Pasela. A re dipoelo tse, di dirwa ke gore o nna le mmaraka o o atologileng ka jaana a rekisetsa motho mongwe le mongwe go ralala lefatshe leno.

“Ke rekisetsa motho mongwe le mongwe, ga ke tlhaole e bile ga ke re ke rekisetsa dikgwebo kana marekisetso a matona fela, go dira jaana go nthusa go nna le bareki ba bantsi,” a tlhalosa. E re le ntswa leruo le na le dipoelo tse di nametsang pelo, Mme Pasela o ne a tlhalosa fa mathata e le bogodu jo bo tsweletseng, ka jaaana bo busetsa ko morago. A re gape diji tse di akaretsang bophokoje le ditswene le tsone di a tshwenya, a tlhalosa fa ditshwene tsone di e ja dipotsane mo sakeng.

Le fa go ntse jalo, Mme Pasela o rotloeditse banana ba lefatshe leno go inaakanya le tsa temo- thuo ka jaana di na le maduo, e bile di ka thusa thata mo serung sa letlhoko la ditiro le go ntsha dijo tse di ka namolang lefatshe leno. Mme Pasela o tswa kgakala a ntse a tsenelela ditshupo tsa temo-thuo, monongwaga o gapile sekgele sa ‘champion milk tooth ewe 0 tooth, e le nku, ya tsaya gape sekgele sa ‘reserve grand champion’,

 Mo dipoding, Mme Pasela o gapile ‘champion 4 teeth’ ka podi ya gagwe ya ‘boer’, mme mongwe wa bathusi ba gagwe a ikgapela tlotla ya yo o itseng go tshwara pudi sentle. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kelebogile Taolo

Location : GABORONE

Event : Potsolotso

Date : 08 Aug 2016