Lephata le tshwenngwa ke tlhaelo ya dingaka
08 Aug 2016
Tona wa Lephata la Botsogo, Mme Dorcas Makgato, a re puso e tshwaraganye le go tla ka tharabololo ya seemo sa tlhaelo ya dingaka ka go dira maiteko a go okela dingaka mo lefatsheng leno.
E rile a bua mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama kwa Kotolaname ka Labone, Tona Makgato a supa fa seemo sa go tlhaela ga dingaka e sa ntse e le kgwetlho e e lebaneng lefatshe leno ka jaana ba dira fela ka dingaka di le 996 kgatlhanong le 2 000 yo lephata le mo tlhokang.
Tona Makgato o tlhalositse fa mo nakong eno ba thusiwa ke gore ba ikaegile ka thulaganyo e e tlamang dingaka tse di fetsang dikole go nna lebaka la dingwaga tse pedi pele ga ba ka akanya go tlogela puso.
Mme Makgato o ne a bua jaana go tsibogela matshwenyego a modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Keneetswe Shianyana, gore ga ba sa tlhole ba bona thuso ya ngaka jaaka go ne gontse
Mabapi le boikueleo jwa go katolosiwa ga kokelwana ya motse, tona a re seemo sa nako eno se sa ntse se sa letle gore e ka godisiwa ka ntlha ya dipalo tsa motse tse di sa ntseng di le kwa tlase. Tautona Khama o supile matshwenyego ka go senngwa ga mafaratlhatlha a beMobile a a thusang ditlhaeletsanyong.
O gakolotse morafe fa e le boikarabelo jwa bone go nna badisa ba dithoto tsa puso tse di thusang go tlhabolola matshelo a bone.
Le fa go ntse jalo Tautona o solofeditse go reka didirisiwa tse di ka thusang go busetsa seemo mo mannong mme a laela morafe go tlhomamisa tlhokomelesego ka jaana go se sepe se se ka dirwang go thusa fa di ka senngwa gape.
Matshwenyego a molemi wa kgaolo eo Rre Manthe a gore lekgotla la kabo ditsha le kgoreletsa maiteko a gagwe a go tokafatsa seemo sa temo mo kgaolong eo ka go gana go mo abela lefatshe, tona Prince Maele o tlhalositse fa kgang ya molemi yoo e sena tharabololo mo go bone ka jaana go le thata go ka mo abela lefatshe la diekere di le 150 mo godimo ga tse 21 tse a setseng a di lema mo nakong eno.
Rre Tuelonyana Tsiane o kopile gore go tsibogelwe thulaganyo ya go oketsa dikotshekara tse di ka thusang go rwala bana ba sekole ba masimo a mosokotso go ya kwa sekoleng sa Lephaleng go fokotsa metsamao ya sekgala sa dikhilomithara di feta lesome le metso e mebedi ya go ya le go bowa kwa sekoleng.
Le fa go ntse jalo tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae Rre Slumber Tsogwane, o solofeditse fa khansele ya Mokwena e tshwere thulaganyo eo sentle le gore go tlaa rekwa tse dingwe di ka tshwara 15 mme kgaolwana ya Mosokotso e bone sele sengwe. Tona a re thulaganyo ya theko e diilwe ke puisanyo ya ditlhwatlhwa tse di kwa godimo le barekisi.
Mabapi le matshwenyego a batho ba Mosokotso ka matshosetsi a go ntshiwa mo lefelong leo ke lekgotla la kabo ditsha la Molepolole, tona Maele o supile fa thulaganyo eo e tlaa nama e boetswe morago ka tsholofelo ya gore tharabololo ya yone e tlaa lerwe ke go akarediwa ga lefelo leo mo lenaneong la moalo wa lenaneo la ditlhabolo tsa Molepolole ka go abela batho ba lefelo leo ba le 40 ditsha. Tona wa lephata la meepo kgotetso le ditswammung Rre Kitso Mokaila o solofeditse go tsibogela kgang e mo go yone mosadi le monna erileng mo ngwageng o fetileng ba bolawa ke motlakase kwa motseng oo morago ga gore ngwana wa baswi Rre Phemele Thebeyame a kope thuso ka jaana ba koporase ya motlakase ba ikgatholositse tharabololo ya kgang eo.
Kgosi wa Kotolaname Rre Mogokedi Letlhokwa mo mafokong a kamogelo o lebogetse thata gore motse wa gagwe o goketswe motlakase mme a supa fa a tshwenngwa ke gore ofisi ya gagwe e saletse morago, ntlha e e neng ya dira gore a bone tsholofetso mo go tona Tsogwane.
Motse wa Kotolaname fela jaaka mafelo a mangwe a lefatshe leno, o akotse thulaganyo ya ga Tautona ya go abelwa metse dilo di tshwana dintshwana ditilo, dikobo go abela batlhoki dibaebele tse di amogetsweng ke moemedi wa baruti ba dikereke tsa dikgaolo tseo le kapari ya metshameko e e amogetsweng ke mopalamenete wa kgaolo mo boemong ja ditlhopha tsa kgwele ya dinao tsa kgaolo eo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Ka Kebaeditse Baitlotli
Location : KOTOLANAME
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 08 Aug 2016






