Botlhoki bo ka fedisiwa ka go rutuntsha batlhoki
08 Aug 2016
Mokgatlho wa Emanuel Charity Organisation o ikemiseditse go fetola matshelo a batlhoki ka go ba tlhatlhelela ka maele a a farologanyeng a botshelo gore ba se ka ba ikaega ka dithuso tsa bopelotlhomogi.
Go buile jalo modulasetilo wa mokgatlho wa bopelotlhomogi wa Emanuel, Rre Brandon Sadie, kwa Palapye ka nako e ba neng ba abela batlhoki dijo, a re go botlhokwa gore batlhoki ba rutuntshiwe go itirela gore ba tswe mo lehumeng go na le go ikaega ka dithuso tsa bopelotlhomogi.
Rre Sadie a re ba na le dithulaganyo tse di rutang banana go tshela ka bokgeleke jwa bodiragatsi le go ba ruta boitemogelo jwa go buisa batho, fela jaaka gotwe “ruta motho go tshwara tlhapi, e seng go e ja fela.”
Mosimolodi wa mokgatlho, Mme Lindy Sadie a re mokgatlho wa Emmanuel Charity Organisation ke mokgatlho o o tlhamilweng ka 2014 mo Botswana ke Batswana, mme o sa dire dipoelo, ka jalo o thusa Batswana ka dithuso tse ba di filweng ke ba bangwe.
Mme Sadie a re Batswana ka bontsi ba kopanya mokgatlho wa bone le Emanuel TV ya ga Moporofite TB Joshua le ntswa e le mokgatlho o o sa amaneng ka gope le Emanuel TV.
O kopile Batswana gore fa mokgatlho wa Emmanuel o kopa dithuso mo go bone ba thuse ka kitso ya gore ke mokgatlho wa mo Botswana o o ikemiseditseng go thusa Batswana ba ba tlhokileng lesego. A re mo nakong eno ba setse ba fetotse matshelo a batho ba le bantsi.
A re gone jaana ba na le ntlo e ba e agelang monalebogole kwa Topisi le e nngwe mo Palapye mme di tlhoka go felelediwa.
A re kopo e ba nang le yone mo Batswaneng ke gore ba tshwaraganele tiro e, ba tle ba kgone go thusa.
Mme Sadie o ne a lebogela moporofiti Kabelo Tabona go ba tswa thuso e e ba kgontshitseng go thusa batlhoki le masiela ba le lesome le botlhano ka dimpho tsa dijo. Kgosi Michael Maforaga o ne a kgothatsa Batswana gore ba nne le mowa wa go abelana, a re go dira jalo go ka thusa batho ba le bantsi ba ba humanegileng mme ba sa iphe sepe.
O ne a kopa Batswana gore ba se nne le mowa wa lefufa, mme ba thuse mekgatlho e e tshwanang le Emanuel gore e tle e kgone go aba.
Kgosi Maforaga o ne a kopa ba Emmanuel gore ba nne le mananeo a mantsi a a tlaa dirang gore batlhoki ba itirele ba bo ba tshele ka go itirela, e seng gore ba nne ba direlwa.
Fa a leboga ba Emmanuel Charity Organisation, mmaboipelego wa Madiba Extension Area Mme Dipogiso Gabaake o ne a kaya fa mokgatlho jaaka wa Emmanuel o le mosola fela thata.
A re lephata la boipelego le lebagane le batlhoki, le bana ba batlhoki, bana ba ba tlhokang dikotla le masiela.
A re le fa go ntse jalo, lephata la boipelego le lebanwe ke go thusa batho ba ka ditsela tse di farologanyeng jaaka go ba rekela dijo, diaparo, le tse dingwe.
Mmaboipelego o supile fa dipalo tsa batlhoki di le kwa godimo fela thata mme lephata la boipelego le sa kake la kgona go ba thusa botlhe ka le tlhaelelwa ke madi.
Mmaboipelego a re go botlhokwa fela thata gore batlhoki ba ikamanye le mananeo a a tshwanang le nyeletso lehuma mme ba kgone go fetola matshelo a bone.
O tlhalositse fa lehuma le sa jewe boswa gona le kgonagalo ya gore bana ba ba tshotsweng ke batlhoki le bone fela jaaka ngwana mongwe le mongwe ba tsoge ba ntshitse batsadi ba bone mo go lone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tshepo David
Location : Tshepo David
Event : Kabo ya dijo
Date : 08 Aug 2016






