Breaking News

Segotsi o kopela magosana dithata

08 Aug 2016

Kgosi Duncan Segotsi wa Mahalapye o kopile puso gore e sekaseke molao wa go fa magosana a tetlanyo dithata tsa go ka atlhola batho ka go ba kgwathisa.

Kgosi Segotsi o buile mafoko a kwa moletlong wa pulo ya leobo la kgotla ya White City, e agilwe ke komiti ya ditlhabololo tsa motse le morafe wa Botalathoma kwa Mahalapye bosheng.

A re borukutlhi bo ile kwa godimo mo e bileng banana ka bontsi ba sa tlhole ba tlotla dikgotla.

Kgosi o ne a tlhalosa gore borukutlhi, go tlhoka maitseo le go amoga batsadi ditsabone go ile magoletsa, mme a kopa gore ka go na le magosana a tetlanyo mo dikgotleng a ba ka se fiwe dithata tsa go kgwathisa bao ba ba tlhokang botho kgotsa ba utswa.

A re gongwe se, se ka fokotsa botlhoka tsebe jo bontsi ka jaanong fa go buiwa fela ka melomo banana ba go nna jalo ba sa utlwe, e bile fa bangwe ba setse ba nyatsa dithata tsa go letlanngwa.

Kgosi Segotsi a re se gape gongwe se ka fokotsa le one mosuke wa ditsheko kwa makgotleng a mangwe a ditsheko.

Mo go tse dingwe o ne a leboga go menagane maiteko a komiti ya kgotla eo le morafe ka kakaretso go bo o bone go le botlhokwa go ikagela leobo la kgotla le ka lone ba ka tsenelang diphuthego mo go lone.

A re se ba se dirileng ke go tsosolosa mowa wa boithaopo o o rotloediwang fela thata mo lefatsheng le mo setshabeng.

O ne a tlhalosa gore mowa wa boithaopo le wa boipelego ke yone e dirileng lefatshe le se le leng sone, ka jalo a ba leboga.

Kgosi Segotsi a re go mo maruding a baeteledipele ba setshaba go bona gore ba rotloetsa mowa o fela thata, go anama le lefatshe.

E rile a mo kgwa dikgaba, mothusa tona mo lephateng la dikgaolo le tlhabololo magae Rre Frans Van Der Westhuizen a tlhalosa fa go tlhoka tsebe ga banana go simolola fela kwa malwapeng mme a rotloetsa batsadi go ema ka dinao go bua le bana ba bone.

Rre Van Der Westhuizen a re kgang e e batla batsadi go ema ka dinao go bona gore ba ruta bana ba bone bo molemo le maitseo kwa malwapeng, a tlhalosa gore dinako di fetogile mme botlhe ba tshwanetse go ema ka dinao.

Mothusa tona o ne a gape a kopa baeteledipele, barutabana le bogogi jwa metse go ema ka dinao go bona gore bana ba busetswa mo tseleng.

Fa a akgela ka leobo la kgotla, o ne a leboga go menagane komiti ya ditlhabololo ya Botalathomo go bo e bone go le maleba go ikagela leobo la kgotla.

A re se se supa mowa wa boipelego le wa boithaopo, a tlatsa ka gore merafe ka bontsi e setse e tlwaetse go kopa fela kwa pusong mme bone ba bone go le mosola gore ba itirele ka jalo a ba leboga.

O ne a rotloetsa dikomiti tse dingwe tsa go tlhabolola metse go ema ka dinao go tshwaragana le merafe ya tsone mme ba ipelege.

Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa komiti e tona ya ditlhabololo tsa motse wa Mahalapye Rre Goabaone Ntapu o ne a tlhalosa fa e rile ka 2014 ba tsaya boeteledipele jwa dikomiti ba itlama go isa ditlhabololo mo dikgotleng tsa bone.

Rre Ntapu a re ba ne ba itlama gape le go busetsa seriti sa komiti ya ditlhabololo, go rotloetsa mowa wa boipelego, popagano ya setshaba le go atametsa batho gaufi le mananeo a puso ka tekatekanyo le go tiisa tirisanyo ya komiti le banaleseabe.

A re e le ba komiti ya ditlhabololo ya Botalathoma ba ne ba sekaseka botlhoki jwa kgaolo ya bone mme ba setse ba kile ba gokela metsi kwa kgotleng ya Thomadithotse, ba gokela motlakase kwa kgotleng ya Botalaote mme gompieno ba bula kago ya leobo la kgotla mo kgotleng ya White City.

A re tsotlhe tse ba di dira ka mowa wa boithaopi, boipelego ba beile dikeletso tsa morafe kwa pele. Bokhutlo

 

Source : BOPA

Author : Leungo Rakgati

Location : MAHALAPYE

Event : Moletlong wa pulo ya leobo la kgotla ya White City

Date : 08 Aug 2016