Breaking News

Komiti e kopa kemonokeng

06 Jan 2013

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse kwa Maboane mo kgaolong potlana ya Letlhakeng, Rre Olemogeng Thuto a re komiti ya gagwe e goga ka thata ka jaana e sena kemonokeng mo bodireding. 

A re lekalana la boipelego ga le tsiboge ka bonako fa komiti e ba neela maina a batlhoki ba ba tlhokang thuso ya puso.

Rre Thuto o ne a kopa badiri ba boipelego go rerisa komiti ya gagwe fa ba dira tshekatsheko ya batlhoki gore go seka ga nna le ope yo o tlogelwang kwa morago.

A re o lemogile gore batlhoki ba gantsi ba sa thusiweng le ntswa e le matshwanedi tota ke ba e rileng boipelego bo dira ditshekatsheko mo malapeng gongwe ba ba fitlhela ba nole bojalwa  mme ba palelwa ke dipotso tsa tshekatsheko ka jalo modiredi gongwe a palelwa ke go emela seemo sa mofuta o. 

 Rre Thuto o tlhalositse gore go na le gore banana ba bo ba le mo botlhoking le ntswa ba sena bogole bope fela e le boitseme go ema ka dinao ba bereka mo Ipelegeng kana mo dikomponeng tse di tlholang di tla go direla mo motseng oo. O kopile banana go tlogela go ikgantsha ka botlhoki mme ba lemoge fa ba santse ba na le thata go na le bagodi.

 Modulasetilo a re boroko jwa batlhoki le jone ke kgwetlho e tona kwa Maboane. A re seemo sa letlhoko la boroko se dira gore dijo tse ba di fiwang ke boipelego di senngwe ke dipula mme tse dingwe di kgagolakwa ke dintsa ntateng ya go tlhoka fa di bewang teng.

Modulasetilo o ikuetse mo bodireding ja puso jwa motse  go thusa komiti ka sengwe le sengwe se ba ka se kgonang ka a re tiro ya bone e ntsi mme ba tlhaelelwa ke madi. O kaile gore fa ba biditse phuthego ga go ope wa badiri ba puso yo o a tle a ba bone go thusana ka megopolo jaaka a re le bone badirela-puso ga ba na boroko bogolo jang baoki mo a reng bangwe ba nna kwa go neng go le sekolo sa bananyana teng. 

O ne a kopa morafe go thusa go lwantsha borukutlhi jo bo busetsang komiti kwa morago.  A re go utswilwe dingwe tsa dikago tsa matlo a VDC le gore holo ya motse e ne e tsentswe megala ya motlakase mme e nyeletse morago ga gore e rutlololwe ke phefo. 

 Mo go tse dingwe , Rre Thuto  a re go tlhoka go sireletsa di-tsa VDC ke badirisi ba tsone go busetsa komiti kwa morago go tlhabolola motse ka komiti e tshwanelwa gape ke go baakanya fa go senyegile. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Boikobo Keboetetse

Location : LETLHAKENG

Event : Potsolotso

Date : 06 Jan 2013