Botsogo konokono mo tirong
07 Aug 2016
Mogolwane kwa ofising ya ga mma melao mogolo, Mme Hazel Morakaladi a re ba tsaya tsia botsogo jwa badiri mo lephateng.
Fa a buisa bodiredi jwa bone jwa ofisi ya Palapye ka Labotlhano ka letsatsi la boitekanelo, Mme Morakaladi a re gore modiri a ntshe maduo mo tirong o tshwanetse gore a bo a itekanetse mo mmeleng, tlhaloganyo le mo moweng.
A re bogogi bo tshwanetse go nna bo lekola badiri ba bone le go anamisa mananeo a mangwe a puso jaaka le lesha la Test and Treat 90-90-90 la botsogo, bogolo jang ka puso e rotloetsa tshireletso go na le kalafi.
Mooki yo mogolwane, Rre Tshwaraganang Phillimon a re ba godisa serodumo le boitekanelo jwa batho ka go ba fa ditlamelo jaaka go itlhatlhobela malwetse le go alafa botlhe ba ba amilweng ke malwetse a dikobo.
A re e ne ya re Seetebosigo a tlhola gangwe mono ngwaga, botlhe ba ba nang le mogare ba tsena mo kalafing go sa lebelelwa masole a bone a mmele gore a ko tlase. Rre Phillimon a re se se tla dira gore batho ba tshele lobaka go na le jaaka pele mo nneng motho a ne a letlelelwa gore masole a motho a wele tlase ke gone a bo a fiwa kalafi.
A re mabaka a a dirang gore batho ba felela ba amilwe ke mogare ke go tlhoka go dirisa sekausu sentle, nnotagi le go tsena mo kgwebong ya go gweba ka mmele.
O ne a tswelela ka go tlhalosa gore bontsi jwa batho ba ba nang le madi, ba dirisa bao ba ba senang madi go tlhakanela dikobo go sena tshireletso mme se se felela se baka gore yo o senang madi a nne mo diphatsing tsa go tsenwa ke malwetsi a dikobo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Ka Chenzidmu Themba
Location : SEROWE
Event : Puisanyo le bodiredi
Date : 07 Aug 2016






