Oodi o tlhoka sekole sa bobedi - mokhanselara
07 Aug 2016
Mokhanselara wa Oodi kwa kgaolong ya Kgatleng o supile matshwenyego a gore ga gona lenaneo lepe la ditlhabololo le le supang gore motse wa gagwe o tlaa agelwa sekole se se botlana sa bobedi.
Mo potsolosong bosheng, Rre Batlhalefeng Ramosesane o supile fa Oodi go ya ka palo ya batho ya ngwaga wa 2011, e le motse wa bobedi o motona mo kgaolong ya Kgatleng ka batho ba le dikete di le thataro 6 000.
A re le ntswa dipalo tsa batho di golela pele, Oodi o santse a na le sekole se le sengwe fela, a supa fa metse e mebotlana mo go wa bone e na le dikole tse pedi, a tlatsa ka gore le dipalo tsa bana ba ba tsenang mo go tsone e le ko tlase go na le sa bone se se nang le bana ba ba fetang makgolo a robabobedi le masome a mabedi 820 mme go sena le gone ko ba ka se godisetsang teng.
Mokhanselara a re mo nakong ya gompieno go na le baithuti ba ba santseng ba rutelwa ko ntle, a supa fa palo ya baithuti bao e ka dira matlo a borutelo a le mane a kaya fa seo se mo utlwisa botlhoko fela thata ka bana ba bolaiwa ke serame.
Rre Ramosesane o buile a sa kgwe mathe ka lenaneo le le sa tswang go simolodisiwa la bana ba ba dingwaga tse di ko tlase la early childhood, a re mo motseng wa gagwe ga ba na go akola lenaneo leo ka ntlha ya go tlhoka matlo a borutelo.
O boletse fa seemo seo ka bonosi se pateletsa batsadi bangwe go batlela bana ba bone ko dikoleng tse dingwe diphatla se a tlhalositseng fa se tsenya matshelo a bana bao mo diphatseng ka ba tsamaya sekgala se seleele. O ne a tlatsa ka gore ka nako ya mariga gone ke selelo sa khuranyo ya meno ka ba tsamaya go santse go le lefifi.
A re fa sekole seo se ka se agiwe ka lenaneo la ditlhabololo la NDP11/DDP8, seo se supa fa ba tsile go sokola dingwaga di le thataro tse di tlang. A supa fa seo se tla a bo se ba beile ka fa mosing ka ba tla palelwa ke go diragatsa letshego la tebelopele ya setshaba ya 2016 la tshaba e e rutegileng.
O tlhalositse fa sekole seo se filwe setsha dingwaga tse di lesome le botlhano tse di fetileng a tlatsa ka gore le mokhanselara wa pele, Rre Kelekwang Mangwa o buile ka kgang eo ko khanseleng mme nako kgolo ke eno.
A re o ne a re o ntsha tshutiso (motion) ya gore sekole ke sone se se botlhokwa thata mo lenaneong la ditlhabololo la NDP11/DDP8 ngwaga o o fetileng ka sedimonthole ko bokopanong jwa bone jwa khansele mme o ne a emisiwa ke ba khansele ya kgaolo ya bone.
O ne a gatelela kgang ya gore sekole seo se sa le se nna mo lenaneong la ditlhabololo dingwaga tse di ntsi tse di fetileng mme le jaana ga ba ise ba se agelwe.
Mokhanselara Ramosesane o ne a kopa bagolwane go tsibogela kgang eo.
E ne ya re a akgela mo kgannyeng e, modulasetilo wa khansele ya Kgatleng, Rre Mpho Morolong o ne a supa fa kgang ya sekole kwa Oodi ba e itse mme ebile e ne ya tsenngwa mo lenaneong la ditlhabololo la khansele eo.
A re le fa go ntse jalo, e rile go gorogeng kwa bagolwaneng ko lephateng la bone, ga tsewa tshwetso ya gore ga gona sekolo se sebotla se se yang go agiwa lefatshe ka bophara mme lebaka e le letlhoko la madi.
Rre Morolong a re ka jalo, sekolo se sebotlana sa bobedi ko Oodi ga se a ka sa tsenngwa mo lenaneong la ditlhabololo ntswa ba itse mosola wa sone le jone botlhokwa jwa matlo a borutelo kwa sekolong seo.
A re mokhanselara wa motse oo, Rre Ramosesane o ne a tla go ikuela mo go ene mme a mo solofetsa fa a tla kopana le mokwaledi mogolo wa lephata leo go bona gore ba ka thusiwa jang.
A re mo bokoponong jwa gagwe le mokwaledi wa lephata leo, Rre Molefi Keaja o ne a tlhalosa fa letlhoko la madi e le lone le dirang gore go seka ga agiwa sekole sa bobedi ko Oodi.
Mme le fa go ntse jalo ba ne ba tswa ka kakanyo ya go dira matlo a borutelo a matlhatlaganyane mo go a a teng go fokotsa letlhoko le le teng ko sekoleng seo.
O ne a supa gape gore ba ne ba tla ka kakanyo morago ga dipuisano le ba Lephata la Thuto gore baithuti ba ba dirisang ntlo ya holo ya mo motseng oo ba simolola go tsena dithuto tsa bone motshegare ka jaana go ne go le borai mo go bone go dirisa holo eo.
A re kgang ya go dira matlo a borutelo ya matlhatlaganyane kwa sekolo seo o tla e lebisa makhanselara gore mo pakeng e etlang ba dumelane go e batlela madi go thusa bana ba sekolo seo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Mary Mofaladi
Location : MOCHUDI
Event : Potsolotso
Date : 07 Aug 2016






