Breaking News

Ba lela ka letlhoko la ditsompelo

04 Aug 2016

Mogolwane go tswa mo lephateng la temo-thuo kwa Ghanzi, Mme Anitta Masite a re letlhoko la ditsompelo le ba jesetsa mo kgobedung ka jaana ba retelelwa ke go dira tiro ya bone ka botswapelo.

O boletse seo jaaka a ne a lekodisa bagolwane ba lephata ba ba neng ba ba tshologile mokgosi go tla go ipela le bone jaaka ba ne ba alosa dialogane tsa tiro ya go suga matlalo ka fa tlase ga lenaneo la nyeletso lehuma.

Dialogane tseo tse di lesome le botlhano di ne di tswa mo mafelong a a farologanyeng mo kgaolong ya Ghanzi mme ba ne ba tsene ikatiso ya dibeke tse thataro kwa sekoleng sa Ngamiland Rural Training Centre mo motseng wa Nxaraga.

Mme Masite yo e neng e le mongwe wa batlhatlhelela dithuto a re ditsompelo jaaka dikoloi di a tlhokafala bogolo jang ka motse wa Nxaraga o le sekgalanyana go ka bona ditlamelo di tshwana jaaka tsa botsogo.

A re ba ne ba na le kgwetlho e tona ka jaana bangwe ba baithuti ba ne ba kubugelwa ke bolwetse bosigo mme sebe sa phiri e bo e le letlhoko la koloi go ba tabogisetsa kwa kokelong.

O tlhalositse fa ba ne ba patelesega go kopa thuso kwa Maun le Ghanzi mme a kopa bogogi gore bo sekaseke gore go nne le koloi kwa sekoleng.

O tsweletse a supa fa ba kile ba welwa ke seru mo nakong e e fetileng ka moithuti mongwe a ne a latlhegelwa ke botshelo ka ntlha ya go diega go mo isa kokelong.

Mme Masite o ne a ikuela gape ka go tlhoka kemo nokeng ya bagolwane ba bone. A re go botlhokwa gore bagolwane ba ne ba kgabola kwa sekoleng go ba lekola a re seo se ka ba tiisa moko ga mmogo le baithuti.

Fa a ba lekodisa ka ithutuntso eo o boletse fa go le bokete mo baithuting bogolo jang ka ba tsaya lobaka lo lo leele.

A re bangwe ba tle ba batle go ikgogela morago ka mabaka a gore go thata mme ba nna ba ba rotloetsa go feleletsa dithuto. O kaile fa bangwe ba baithuti ba ntsha mabaka a mathata a malwapa fa bangwe bone ba akanya gore ba a senyegelwa kwa merakeng.

Le fa go ntse jalo o boletse fa dithuto di tsamaile sentle kwa ntle ga gore moithuti a le mongwe a busediwe gae ka mabaka a bokoa.

Mme Masite a re baithuti ba ne ba fiwa lesedi la go dirisa letlalo, ba rutiwa go sega le go roka dilwana tse di farologanyeng jaaka ditlhako, dibeke le mabante.

Moemedi wa baithuti, Rre Mabue Moseki o ne a lebogela lephata la temo-thuo go bo le bone go tshwanela go ba fa kitso le lesedi a re se ba se anywileng ba tlaa se dirisa gore ba kgone go itshetsa.

O kopile bagolwane ba ba maleba go nanosa dinao ka go fa bao ba ba setseng ba tsene  ithutuntsho didirisiwa gore ba simolole dikgwebo tsa bone. A re bangwe ba baithuti ke bagodi ka jalo tiego ya go neelwa didirisiwa e baka gore ba lebale se ba se rutilweng.

E ne ya re a ba ema ka lefoko, mokhanselara wa Nxaraga, Rre Morolong Mosimanyana a supa fa lenaneo le ka tswela bontsi mosola fa le bone ba tlhokomela tse ba di filweng.

A re go ngomola pelo ka jaana bangwe ba ba filweng dipudi ba di rekisa ka bojalwa selo se a reng se folodisa maitlamo a lenaneo ka jaana lone le diretswe go fedisa lehuma le le apereng banni. BOKHUTLO

Source : bopa

Author : Esther Mmolai

Location : NXARAGA

Event : lenaneo la nyeletso lehuma.

Date : 04 Aug 2016