Breaking News

Tsenyang manyena a dikgomo

04 Aug 2016

Lephata la temo-thuo le ngongorega ka barui ba ba maoto a tshupa go tsenya manyena mo dikgomong tsa bone.

Se se builwe ke moanamisa mafoko wa lephata leo Rre Balosang Mmusi ka Laboraro kwa kgotleng ya Habu mme o tlhalositse gore ka fa tlase ga mananeo a go rudisa itsholelo, puso e ile ya lemoga dikgwetlho tsa kgaolo ya Bokone Bophirima, mme ya bona go tshwanela gore e ntshe manyena a dikgomo a tlhwatlhwa e e ka tshwarang didikadike di le pedi le dikete di le makgolo mane tsa dipula go a fa barui ba kgaolo mahala go fefosa go tsenya manyena mo dikgomong.

Tsamaiso e ya go tsenya manyena mo dikgomong e e neng ya simolola ka Tlhakole, e ne e tshwanetse go wela ka Seetebosigo mme a re mo bogompienong, gareng ga dikgomo di ka feta dikete di le lekgolo le masome a mabedi le motso, ke di le dikete di le masome a mabedi le botlhano fela tse ba di kgonneng.

O ne a kaya gore ka ditshekatsheko tsa bone, ba itemogetse gore manyena a ka tshwara dikete di le lekgolo di tshwerwe kwa diofising tsa bakenti mme ga di ise di tsene mo dikgomong.

Rre Mmusi o bile a tlhalosa gore puso e ile ya bona go tshwanela gore e rutuntshe banana ba kgaolo ba le masome a matlhano le borataro gore ba tle ba thuse mo lenaneong leo, e bile e le tsela nngwe ya go tlhamela banana mmereko.

Fa ba a kgwa Rre Mmusi dikgaba, bangwe ba banni ba Habu ba ile ba re manyena a teng ba a filwe ke ofisi ya bakenti, mme mabaka a gore a bo a se mo dikgomong e le go tlhoka kitso ya botlhokwa jwa one.

Bangwe ba ile ba tlhalosa gore dikgomo di phatlaletse ka mabaka a leuba fa bangwe bone ba ne ba supa fa ba sena sepalamo go tsaya mokenti go mo isa kwa merakeng ya bone.

Rre Mmusi o ne a rotloetsa banni go tsenya manyena mo dikgomong ka a ka ba thusa fela thata mo  tlhokomelong ya dikgomo le go thusa fa go ka nna le bogodu jwa leruo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mercy Sauzoo

Location : HABU

Event : Potsolotso

Date : 04 Aug 2016