Breaking News

Boitshwaro mo tirong mmammane

03 Aug 2016

Banana ba ba mo mananeong a Tirelo Setshaba, internship le Government Voluntary Scheme (GVS) ba gakolotswe go itshwara sentle mo tirong. 

Mafoko a a builwe ke mookamedi mogolo mo lephateng la national service and internship, Mme Omphitlhetse.

 A re go na le dingongorego tsa gore bangwe go tswa mo ditlhophaneng tse, bogolo jang ba Tirelo Setshaba ga ba tseye tiro ka tlhwaafalo, e bile bangwe ga ba theogele sentle. 

Mme Omphitlhetse o ne a bua se kwa phuthegong e lephata la gagwe le neng le rulaganyeditse banana ba bosheng.

A re go na le kgang e nngwe e e leng gore mo go yone ba ne ba begelwa fa mongwe a ne a tlhoka kutlwisisano le moeteledipele wa gagwe mme la bo le mo itaya. 

O gwetlhile banana gore ba nne le ponelopele ya matshelo a bone ka gore mananeo a Tirelo Setshaba ga se mananeo a sennela ruri. 

O kopile basha gore fa ba ntse ba le mo mananeong a, ba ikgolaganye le mananeo a mangwe a puso mme ba itirele dikhamphani, ba bo ba ikopele madi a  tsa kgwebo go tswa maphateng a banana, le a bong, le a mangwe fela jalo gore ba ipulele diphatlha tsa ditiro ba bo ba hire ba bangwe.

O ba kgothaditse gore ba ititeye ka thupana gore ba tle ka ditsela tse di ka ba thapang, mme ba se ipolelele gore ba tlaa kgaogana le mananeo fa sebaka se ba se filweng se khutla. 

O ne a ba kopa gape gore ba se letele go okelediwa dingwaga tsa go direla mo mananeong a teng, mme ba tseye boikarabelo jwa go tswelela mo botshelong. 

O tlhaloseditse baithaopi ba mananeo ao fa go se kake ga kgonagala gore goromente a tlhamele banana botlhe diphatlha tsa mebereko. 

A re le fa go ntse jalo, ba gakolola maphata go thapa baithaopi ba bone. 

A re gone jaana maphata mangwe go balelwa le la gagwe a setse a hirile baithaopi bangwe. 

Mme Omphitlhetse o kgothaditse baithaopi gore ba diragatse ba bo ba dirisanye sentle le baeteledipele ba bone gore ba nne le sebaka sa go ba kgatlha, mme ba felele ba hirilwe.  

Mme Omphitlhetse o ne a re maikaelelo a  phuthego ke go fa baithaopi ba mananeo  sebaka sa go abelana megopolo le bone, le go ba  senolela ka tse dintle le tse di botlhoko tsa ditiro tse ba leng mo go tsone.

Ba bo ba ntshe megopolo ya gore lephata la banana le ka tokafatsa jang mananeo go solegela banana molemo. 

Fa ba akgela, bangwe ba banana ba ne ba tlhalosetsa  ba Tirelo Setshaba ba tlhalositse fa mangwe maphata a puso a sa ba tsee tsia.     

Bangwe ba kopile gore go nne le thulaganyo ya gore ba tsenngwe fa ba ka anywang botsipa bongwe teng gore fa  go tla nako ya gore ba tlogele Tirelo Sechaba, ba bo ba na le kitso e e ka ba thusang go tswelela pele. 

Bangwe ba ngongoregetse gore mabaka a tsa pereko kwa ba leng teng ga a ba tswele mosola ka gore ba dirisiwa go phepafatsa fela mme se ga se ba fe kitso epe ya tiro.

E bile go ba baya mo diphatseng tsa botsogo ka gonne ga ba fiwe le tsone diaparo tsa itshireletso fa ba phepafatsa, e bile bangwe ba re ba phepafaletsa mo matlwaneng a a nang le dichefi kana botlhole jo bo sa siamelang botsogo.  

Matirelo Setshaba a mangwe le ma-intern ba re ba fiwa tiro e ntsi kwa morago ga dinako tsa nako tsa pereko kwa ba berekelang teng mme ga ba duelelwe dinako tseo ka madi kana  malatsi. 

Ba re fa ba theogedisiwa kwa ntle ga lefelo la pereko kana ba lala koo, ga ba duelelwe dijo le malalantle jaaka bodiredi.  

Ba Tirelo Setshaba kwa komponeng ya Botswana Power Cooperation (BPC) le ba bangwe ba re bone ba tshwenngwa ke gore fa ditiro di nna teng mo komponeng mme di tlhoka ba ba setseng e le babereki ba kompone, ma-Tirelo Sechaba ga ba letlelelwe go iteka lesego  gotwe ga se babereki ba lephata. 

Ba Tirelo Sechaba kwa lekgotleng la kabo ditsha,  ba kalwa fela  jaaka babereki ba bangwe mme fa go tla mo go thapiweng go lebelelwa maduo a babereki fela. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshepo David

Location : PALAPYE

Event : Potsolotso

Date : 03 Aug 2016