Molelo wa kgolagano tsholofelo ya Batswana
04 Aug 2016
Kamogelo ya molelo wa kgolagano kwa dikgaolong tsa Mokwena e tsweletse ka go itemogela thologelo e e kwa godimo jaaka fa e ne e le semphete ke go fete matshwititshwiti kwa Lentsweletau ba ne ba gorosa ka boitumelo molelo mo kgotleng ya bone.
Molelo o ne o goroga go tswa kwa Kgope go ralala Ramankhung pele o tlhola kwa kgotleng ya Dikgatlhong kwa motseng wa Baherero.
E rile a o amogela, Kgosi Muenda Mureti a supa fa a lebogela thulaganyo ya go goroga ga molelo kwa kgotleng ya gagwe ka go kaya fa e tlaa nna ditso e bile go tsisa tsholofelo e kgolo mo go bone ka go tshwaraganya setshaba sotlhe sa lefatshe la Botswana.
Molelo o tlaa phakela o tswa mo motseng wa Lentsweletau go tlhola kwa motseng wa Ditshukudu pele o ya go lala kwa Mahetlwe o bo o fetele Medie le Kweneng. Mo mosong wa letsatsi la Laboraro.
Mopalamente wa kgaolo Rre Vincent Seretse o rotloeditse mowa wa neelano e bokao jwa yone bo lemosegang mo thulaganyong ya molelo wa kgolagano go seegela fa thoko dipharologano tsa setshaba mme go nne le go lebela pele go fitlhelela tema ya ditlhabololo e lefatshe leno le e itshegetseng.
Ba Lentsweletau ba nnile le sebaka sa go itumela le go amogela thulaganyo eo ka go ralatsa molelo motse wa bone go etela mafelo a ditso a a akaretsang dikole tsa motse di le tharo pele o ya kwa thabeng ya Lentsweletau e e humileng ditso e go kaegang motse wa Lentsweletau o reeletswe ka yone le ya Marorongwane e go kaegang e na le bokao ja go ralala ga ditau fa di ne di tswa mo motseng.
Mafoko a kamogelo ya molelo wa kgolagano ka Kgosi Morulaganyi Makgasane e nnile go nna le tsholofelo ya tomagano ya morafe wa gagwe ka tumelo ya go nna go fetoga ga batho ka bongwe go tswelela ba ipona e le tshaba e e tshwaraganyeng e ipelafatsa ka tse e di fitlheletseng e ikaegile ka bokao jwa lesedi la molelo o o phatsimelang Batswana.
Molaetsa wa moemedi wa banana Rre Tshepho Makgasane yo a supilweng e le ene mong wa setilo sa bogosi jwa motse wa Lentsweletau, o kgothaditse banana ka ene go ikgakologelwa mme ba ithute go tshegetsa serodumo sa lefatshe la Botswana ka go ithuta go tshwaraganela tsamaiso ya dithabololo tsa motse le bogogi.
Melaetsa ya Batswana e supa fa mo thulaganyong e e tsweletseng ya go amogela molelo wa Kgolagano e ikaegile segolo bogolo ka molaetsa wa ga Tautona wa molelo wa kgolagano maikaelelo a one e leng go fitlhela bogolo jwa tshaba ya Botswana kwa ba leng teng ka go gatelela popagano ka tsholofelo ya go lere lesedi le le tlaa phatsimelang Botswana le go bopaganya setshaba, dintlha tse di gatelelwang segolobogolo ke matshego a tebelopele ya setshaba ya 2016 mo molaetseng wa ga Tautona.
Source : BOPA
Author : Kebaeditse Baitlotli
Location : LENTSWELETAU
Event : Molelo wa kgolagano
Date : 04 Aug 2016






