Breaking News

Banka e ikemiseditse go thusa temo-thuo

02 Aug 2016

Banka ya First National Bank Botswana (FNBB) e ikemiseditse go thusa mhama wa temo-thuo ka gore o na le seabe se segolo mo itsholelong ya lefatshe leno.

Pego e e tswang kwa bankeng eo, ya re banka e itse e bile e tseela kwa godimo botlhokwa ja ditirisano le balemi-barui.

Pego e tlhalosa gore ditshupo tsa ngwaga le ngwaga tsa Chobe di file balemi-barui ba kgaolo ya Chobe le tikologo sebaka sa go supa dithoto tsa bone ba tshwaragane, ba bo ba rutane.

E tswelela gape e re ditshupo tseo di kopantse morafe go supa tsotlhe tse kgaolo ya Chobe e di kgonneng.

Banka eo gape e boletse gore go tsaya karolo mo ditshupong tseo, go e thusitse go itse ka kgwebo le diemo tsa tikologo tse balemi-barui ba kopanang natso.

E tswelela gape e re mhama wa temo-thuo o na le seabe se segolo mo kgolong ya itsholelo ya Botswana ka go ntsha dijo tse di lekaneng, go tlhama mebereko mme ka jalo o tlhokana le ba ba ka o thusang ka madi, bagwebi, bakanoki, badira dithulaganyo kana mananeo le setshaba ka kakaretso go tshwaragana mme ba tlhabantshe dikgwetlho tse di lebaganeng le balemi-barui.

Pego e bolela gape gore molemi-morui wa gompieno o tlhokana le dilo di le dintsi e seng pula le letsatsi fela, mme o tlhoka gape dikitso, le bokgoni ja go bona dikitsiso, lefatshe le madi gore a kgone go gaisanya mo mmarakeng.

E tswelela e re banka e tsweletse ka go ema nokeng balemi-barui mo kgwebong ya bone ya temo-thuo ka jalo e tlhamile ditsela tse e ka thusang balemi-barui ka bongwe ka bongwe ka tsone.

Dithuso tsa go nna jalo di akaretsa madi a kadimo a temo-thuo a a thusang molemi-morui go itsolopanya kana go rulaganya sentle didirisiwa tsa gagwe tsa tiro ngwaga le ngwaga tse di amanng le ditshenyegelo tsa leruo, dipeo kana dithoto dipe fela tsa temo-thuo tse di tlhokanang le go baakanngwa.

Jaaka e le banka e e di gogang kwa pele mo go tsa maranyane, FNB gape e na le dithuso tse di kgontshang ba ba e dirisang go bona madi bosigo le motshegare ba dirisa maranyane a a jaaka online banking, cellphone banking, eWallet bulk send, ATM Advance le Slimline ATMs.

Dithulaganyo tsa go nna jaana di diretswe go kgontsha badirisi ba banka go nna le taolo e kgolo mo mading a bone ka nako e ba a batlang.BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : GABORONE

Event : Pego ka banka

Date : 02 Aug 2016