Banana ba rotloediwa go sola molemo ditshupo
02 Aug 2016
Banana ba gakolotswe go tsaya karolo mo ditshupong go tokafatsa itsholelo ya lefatshe leno le go fokotsa letlhoko la ditiro.
Seo se builwe ke mogwebi yo o tumileng thata wa madirelo a Watershed Piazza Mall, Rre Seloma Tiro kwa ditshupong tsa temo-thuo tsa Mahalapye ka Matlhatso.
O boletse gore go utlwisa botlhoko go bona banana ba saletse kwa morago e bile ba sa sole molemo ditshupo tsa temo-thuo go bapatsa dithoto tsa bone mo setshabeng.
O boletse gore ba tshwanetse ba ema ka dinao mme ba sole molemo sepe se ba se neelwang kana se se tlang se ba lebane jaaka ditshupo mme ba tle ba supe dithoto tsa bone, a tlatsa ka gore bokamoso jwa lefatshe leno bo mo diatleng tsa bone.
O tlhalositse gore jaaka e le banana, ba tshwanetse go itse gore ba ka roba sengwe se se botoka fela fa ba ka ithusa ka diemo tse di diretsweng go ba thusa mme ka jalo ba thuse go tlhabolola lefatshe le dikgaolo tsa bone.
Rre Tiro a re sengwe se batho ba tshwanetseng go se itse ke gore kgwebo ga se selo sa paka e le nngwe, mme ke mokgwa kana tsela ya go tshela, ka jalo batho ba tshwanetse go itse gore sebaka sengwe le sengwe se se ba tlelang, ba tshwanetse go se tsaya mme ba ithuse ka sone.
A re ba tshwanetse gape go nna le dikakanyo tse di bulegileng, ba tle ka megopolo mme ba e rerisanye le setshaba ka go dira jalo go tlaa thusa go tlhabolola lefatshe ka kakaretso.
O ne gape a gakolola morafe wa Mahalapye le tikologo go dirisa tsela ya A1, e a reng go na le megopolo e mentsi ya kgwebo e ba ka e dirisang go sola molemo tsela eo.
A re batho ba Mahalapye ba tshwanetse ba itse dilo tse di molemo tse ba ka di akolang, bogolo thata ka ba le fa gare ga lefatshe e bile ba le gaufi le tsela e tona mo lefatsheng leno. A re tota seemo sa go nna jalo ba ka se sola molemo, ba ipapatsa mme ba thusa go tlhabolola itsholelo ya lefatshe leno.
Rre Tiro o ne gape a gakolola banni ba Mahalapye le tikologo go ema ka dinao, ba dirisanye, ba abalane megopolo le dikitso tsa gore ba ka tlhabolola kgaolo le metse ya bone jang gore go nne le maduo a a bonalang.
Ka tsa temo-thuo, Rre Tiro o boletse gore mosola wa ditshupo o a bonala ka jaana mhama wa temo-thuo o na le bokgoni ja go ntsha dijo tse di tlhokwang ke lefatshe le setshaba.
A re ke gone ka moo mmuso o emeng mhama oo nokeng ka fa go tlhokegang ka e le yone fela tsela ya go somarela le go tokafatsa ntsho ya dijo mo lefatsheng leno. O boletse gore ke nako ya gore Batswana ba ntshe dijo tsa bone ba lese go ikaega ka mafaatshe a mangwe.
Mo dikgannyeng tse dingwe, Rre Tiro o boletse gore go tlhokafala gore go fetolwe lenaneo la dithuto tsa sekole (school curriculum), gore batho ba ithute go fetola boitsholo jwa bone jwa go rata go ikaega ka ba bangwe.
A re fa bana ba sekole ba ka ithuta ba sa le bannye gore ba tshwanetse go dira ka natla ba itirele dithoto tsa bone, lefatshe le ka tloga la dirisa kana la solegelwa molemo ke seemo sa go nna jalo mme gongwe le tloge le rekisetse mafatshe a mangwe go na le gore dinako tsotlhe le bo le reka dijo kwa mafatsheng a mangwe.
E rile fa a akgela modulasetilo wa komiti e e neng e rulaganyetsa ditshupo, Rre Tsholofelo Nthaga a re ditshupo di ka bo di sa kgonagala fa e ne e se ka dithuso tsa puso le batsayakarolo ba bangwe.
Rre Nthaga a re motse wa Mahalapye ke one mosimolodi wa ditshupo tsa temo-thuo, mme ya re dingwaga di ntse di tsamaya seemo sa one mo ditshupong sa wela tlase, a tlatsa ka gore le fa e le ngwaga o o fetileng, ga go a ka ga nna le ditshupo kwa motseng oo.
O ne a ikuela mo batsayakarolong ba ba farologaneng, banni ba metse e e gaufi le banana go tla mo Mahalapye go tsosolosa ditshupo tsa kgaolo-potlana ya Mahalapye. O boletse gore mhama wa temo-thuo ke mokwatla wa itsholelo ka o ntsha dijo e bile o tlhamela ba le bantsi ditiro, ka jalo ke tiro ya mongwe le mongwe go tlhomamisa gore o a atlega.
Le fa go ntse jalo o boletse gore ditshupo tseo di atlegile le fa basupi ba ne ba se bantsi thata, mme ke ka ntata ya leuba, a ba a solofetsa ba ba neng ba ile ditshupong gore ba solofela gore ngwaga o o tlang o tlaa bo o le pharologanyo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : MAHALAPYE
Event : Ditshupo tsa temo thuo
Date : 02 Aug 2016






