Kereke konokono mo ditlhabololong
02 Aug 2016
Kgosi Mosadi wa Balete o gwetlhile bakeresete go ema puso nokeng go tlhabolola lefatshe le gone go tshegetsa kagiso le thokgamo ya lefatshe leno.
O buile se ka letsatsi la Tshipi fa a tswala letsatsi la malebogo le le neng le rulagantswe ke kereke ya United Congregational Church of Southern Africa (UCCSA) jaaka go ipaakanyetswa go ipelela letsatsi la boipuso jwa dingwaga tse di masome matlhano monongwaga.
Kgosi Mosadi a re lefatshe leno le tswa kgakala le ntse le ipusa le tshwere ka thata go netefatsa gore ditlhabololo di nna teng go ka aga lefatshe le le nang le seriti.
O tlhalositse fa balatedi ba dikereke ka go farologana ba nnile le sebaka sa go itlhophela tumelo e ba e batlang ka jalo a ba gwetlha go tswelela ka go tlotla ditumelo tse dingwe gore go seka ga nna le madubadube a ditumelo mo dingwageng tse di tlang.
Kgosi Mosadi o ne a gwetlha batsadi go tlhomamisa gore ba godisetsa bana ba bone mo tumelong gore ba tsoge ba nna babusi ba ba boifang Modimo e bile ba na le boikarabelo.
A re kereke ke mohama mongwe o o ka thusang mo go lwantsheng masula a selegae jaaka nnotagi le gone go bopaganya malwapa gore bana ba gole sentle ba fiwa molao o o nonofileng.
O ne a rotloetsa maloko a kereke go loma molomo wa tlase go diragatsa dikeletso tsa bone tsa go atolosa kereke mme a ba kopa go tshwaragana gore ba tle ba kgone go fitlhelela maitlamo a bone.
Fa a tswa la gagwe, Moruti Kagiso Mphato o rotloeditse setshaba go tsaya karolo mo go ipeleleng boipuso jwa monongwaga.
O ne a ba gwetlha go tswelela ka go tlamela kutlwano e e renang lefatsheng leno ga mmogo le gone gore dikereke tsotlhe di tshwanetse go ema goromente nokeng go tlhomamisa gore ba rera lefoko la Modimo go aga setshaba se se nang le boikarabelo e bile se bopagane.
Moruti Mphato o ne a rotloetsa maloko a kereke le setshaba ka kakaretso go tswelela ka go tshegetsa kagiso le thokgamo ka jaana lefatshe leno le tsere boipsuo kwa ntle ga tshololo ya madi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Malebogo Lekula
Location : LOBATSE
Event : Potsolotso
Date : 02 Aug 2016






