Breaking News

Bontsi bo tshologela go kenta bana

02 Aug 2016

Ngaka Ivan Kgetse wa lephata la botsogo a re fa e sa le go simolodisiwa letsholo la mokento wa mmokwane beke e e fetileng, go setse go kentilwe bana ba le dikete tse di robang bongwe, makgolo mabedi le masome mabedi le bosupa.

Ngaka Kgetse o buile se ka Mosupologo kwa tshimolodisong ya mokento wa mmokwane ke kgaolo-potlana ya Tutume.

A re bana ba le dikete tse tlhano, makgolo matlhano le masome marataro le bobedi ba ne ba sielwa molemo wa dibokwana ba ba dikgwedi tse di lesome le bobedi go ya kwa dikgwedi tse di masome matlhano le borobabongwe.

Gape o ne a bolela fa e le maiteko a matona a batho ba a supileng go isa bana ba bone kwa mafelong a botsogo go tsaya mokento oo.

O ba kopile go tswelela fela ka tshwaragano eo go goroga kwa letsatsing la bofelo la letsholo leo go bona gore ga gona ope yo o salelang kwa morago. 

Ngaka Kgetse o tlhalositse fa maikaelelo a letsatsi leo e ne e le go bolotsa letsholo le le setseng le simolotse la go kentela bana mmokwane le dibokwana.

Mokhanselara yo o itlhophetsweng Rre Lopang Masikara o boletse fa puso e tshwenyega ka matshelo a batho, ke ka moo go agilweng mafelo a botsogo gongwe le gongwe gore Batswana ba kgone go tsaya kalafi.

Rre Masikara o ne a leboga lephata la botsogo le puso go nna tsebe ntlha go reetsa ditaelo tsa ba lekgotla la botsogo go sireletsa bana go ba ntsha mo diphatseng tsa go ka tsenwa ke bolwetse.

O ile a tlhalosa fa bolwetse joo bo le pharologanyo mo go jwa mmokwane jo bo tlwaelesegileng jo bo ntseng bo le teng, a re joo ke mofuta o o sele. Gape o ne a kgothatsa batsadi go isa bana ba bone le go rotloetsa baagisanyi go kentisa bana gore bana ba ba solofetsweng go kentiwa ba bone mokento oo botlhe.

Rre Masikara a re go thibela bolwetse go botoka thata go na le kalafi ka go fa motho tshireletso gore go seka ga nna motlhofo go ka tsenwa ke bolwetse mme o ne a kopa setshaba go dirisana sentle le badiri ba botsogo. 

O tsweletse a kopa bogogi jwa motse dikgosi le makhanselara go thusana le badiri ba botsogo go bona gore batho ba kentisa bana, a gatelela ka gore kgetsi ya tsie e kgonwa ke go tshwaraganelwa.

A re le batho ba ba nnang kwa mafelong a a kgakala jaaka kwa merakeng le bone go tshwanetse go bonwa gore bana ba bone ba tsaya mokento. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : TUTUME

Event : Potsolotso

Date : 02 Aug 2016