Breaking News

Tirisano mmogo e botlhokwa mo thutong

02 Aug 2016

Tona wa Thuto le Tlhabololo Dikitso, Dr Unity Dow, a re go botlhokwa go nna le tirisano e ntle fa gare ga makgotla a barutabana le lephata la gagwe ka ba tshwaraganetse thuto.

E rile a bua kwa phuthegong ya lekgotla la barutabana la Botswana Teachers Union (BTU) kwa Palapye bosheng, Dr Dow a re botsalano fa gare ga makalana a mabedi a bo tshwanetse go nosediwa.

A re botsalano bo agiwa ke ba ba dirisanang mme gape bo tshwanetse go tlhokomelwa gore bo gole, go bo go nne le tlotlano fa gare ga bone. 

A re ofisi ya gagwe e bulegetse mongwe le mongwe go tshwara dipuisano le makgotla a barutabana fa a batla dipuisano, a tlatsa ka gore ga go sa tlhole go tlhokega gore barutabana ba ntshe dingongorego tsa bone ka dikoranta fa a le teng go bua le bone. Tona a re dikgwetlho tse di lebaneng lephata la gagwe di ka rarabololwa fa makgamu ka bobedi a dira mmogo e le setlhopha. 

Dr Dow a re barutabana ga ba a tshwanela go amogela dipuo tse di buiwang ke batho di re lephata la gagwe le palelwa ke tiro ka gore go palelwa ga bone ke go palelwa ga gagwe le ene.  A re mhama wa thuto ga se one fela o o nang le dikgwetlho mme ga go a tlwaelesega go bona makgotla a babereki a mehama e mengwe a tikana ka noga e utlwa, ka gore ba nna fa fatshe go buisanya.

O boletse gore ba ka nna ba amogela katlego ya bone kana ba modumo fela wa gore ba paletswe ntswa go sa nna jalo. Tona a re gore barutabana ba nne le dithata, ba tshwanetse go nna le dikitso gore ba tlhaloganye se se diragalang mo tirong.

A re lekgotla la babereki le tlhokana le go itse melao e e le amang ga mmogo le tse di diregang gore go bonwe gore go ka baakanngwa fa kae. A re mongwe o ka re lephata la thuto le abetswe bontsi jwa madi a setshaba mme tota le lebagane le dikgwetlho tse dintsi. Tona o tlhalositse gore masome a matlhano le bobedi mo lekgolong jwa madi a lephata la gagwe ke a dituelo tsa babereki fa masome a mane le boferabobedi mo lekgolong jo bo setseng a sa kgone go itebaganya le mathata a lephata leo.  O ba gakolotse gore ka kwelotlase ya itsholelo ya mafatshe ya 2008 a tlatsa ka gore botlhoko jo ba mo go jone bo utlwiwa ke barutabana botlhe mo lefatsheng ka bophara. 

Mookamedi wa lekgotla la barutabana, Rre Johannes Tshukudu a re botsalano fa gare ga BTU le lephata la thuto ga bo itumedise ka gore lephata ga le na lenaneno la diphuthego tsa ngwaga le ngwaga jaaka ba tshwaraganetse thuto.

A re seo se supa gore lephata le tsaya makgotla a babereki jang a tlatsa ka gore lephata le tshwanetse go dira ka natla go tokafatsa seemo sa thuto. A re lephata le tshwanetse go ba amogela e le lekgotla la babereki mme le ba neele tlotla eo.

O boletse gore lekgotla le na le tsholofelo ya gore go sa ntse go na le sebaka sa gore banaleseabe botlhe ba ka tokafatsa botsalano.

A re banaleseabe botlhe ba thuto ba kolota setshaba tlhaloso mabapi le kwelotlase ya seemo sa thuto mo lefatsheng leno.

O boletse gore lefatshe leno le thaetswe mo tumelong ya gore ntwakgolo ke ya molomo e seng go sa buisaneng mo go dirwang ke baeteledipele ba gompieno, ba ba ganang go dumalana le mabaka a a tshwenyang barutabana mme seo se nne le ditlamorago tse di sa siamang. 

O boletse gore tiro ya lekgotla le lephata e tshwanetse ya nna go rulaganya le go neela barutabana dithata go ntsha thuto ya boleng jo bo kwa godimo le fa go ka nna le dikgwetlho tse di ntseng jang.

O tlhalositse gore tlhakatlhakano e e teng mo thutong le go wela tlase ga maduo mo dikoleng ke bosupi jo bo papametseng gore golo gongwe gone dilo ga di tsamae sentle, a tlatsa ka gore rotlhe re tsile mo lephateng ka maikaelelo a go baakanya. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : PALAPYE

Event : Phuthego ya lekgotla la barutabana

Date : 02 Aug 2016