Thuto ga e golelwe e botlhokwa
01 Aug 2016
Mogolwane wa lephata la thuto Gaegolelwe Rre Ookame Molapisi o kgothaditse batsadi go inaakanya le go tsena gaegolelwe gore ba kgone go itlhabolola ka go dira botsalano le batho ba mafatshe a mangwe e seng fela ba lefatshe la bone.
Rre Molapisi o buile jalo kwa motseng wa Shorobe kwa go neng go tshwaretswe beke ya baithuti ba le lekgolo le masome a matlhano ba ba tswang mo dikgaolong tsa Okavango, Ngami le Maun a re fa ba ka tswelela ka go inaakanya le thuto gaegolelwe go tlaa ba kgontsha le gone go tlotlomatsa lefatshe le dikgwebo tsa bone ba phuthulogile.
A re go le gantsi go tlwaelesegile gore mongwe a supiwe ka monwana segolo jang ko pusong gotwe ba tlhabolola go le kae batho ba bone go lebilwe thata gone ka kwa mhameng wa thuto gaegolelwe, a re seo se tlhoka gore le bone ba itse gore seabe sa bone ke eng mo batsading le mo lefatsheng le gore se ka bonala jang.
O tsweletse a re puso e leka ka bojotlhe go ngotla lefatshe e le dira selo sengwe ka go dirisa maranyane a tshwana le a dikhompiutara le a mangwe, mme a re bone e le baithuti ba ba kgakala ba inaakantse jang le ngotlego eo ya lefatshe.
O kgothaditse baithuti go itse gore dithuto tsa bagolo di a ba kopanya gore ba nne selo se le sengwe mme a re ba ka dira jalo fela fa ba kgona go bala le go kwala e bile ba kgona le gone go dirisa maranyane a sesha.
O bile a re dithuto tseo ke tshwanelo ya bone, a tlatsa ka gore thuto ya gaegolelwe e tshwanelwa ke tsotlhe tse di dirwang mo thutong yotlhe jaaka go abela baithuti dimpho tsa yo o gaisitseng.
Rre Molapisi a re nako e tsile ya gore ba simolole go atolosa go dirisa maranyane a gompieno ba nne le ditsala tse ba tlaa nnang ba bua le bone ka mekwalo kwa mafatsheng a a kgakala jaaka bo China le a mangwe, e le tsela nngwe ya go katolosa go kwala ga bone le gone go tsaya maele a botshelo mo go ba bangwe.
O bile a kgothatsa bao ba ba ntseng ba sa tseye tiro ya bone ya sekole seo tsia go simolola go dira jalo a re go tlaa ba thusa go tlhabolola lefatshe la bone.
Moruta bagolo go tswa kwa motseng wa Etsha mo kgaolong ya Ngami, Rre Keemetse Morotsi yo a tlhalositseng fa a ruta bagolo ba batlhokapono o tlhaloseditse bagolo bao gore kana thuto ke mokwatla wa lefatshe.
O bile a ba kgothatsa go tswelela le thuto ya bone a re ba seka ba itsapa gape a ba kopa go tswelela ba dira le tsone ditiro tse ba di neetsweng go ya go dira kwa malapeng a tlhalosa fa go le gantsi bagolo ba sa dire ditiro tseo, a re fa ba sa tlhaloganye ba nne ba botse gore ba kgone go tlhaloganya.
Bagolo ba ne gape ba nna le sebaka sa go rutuntshiwa le go tsibusiwa ka mananeo a a ka ba ntshang mo lehumeng ke badiri go tswa kwa Gender Affairs ka Mme Gagoope Kenosi le Mme Phatsimo Koti go tswa kwa CIPA kwa Maun.
Fa a leboga, moithuti go tswa kwa Gumare, Mme Annah Manyema a re o itumelela thata mafoko otlhe a a builweng ka e bile e ne e le motho wa go tsena a ntse a tswa fa a bona ekete jaanong ditlhaka di a thatafala.
One a leboga morutabana wa gagwe yo ka dinako tsotlhe a mo latelang kwa lwapeng go ya go mo kgothatsa. BOKHUTLO
Source : bopa
Author : Onalenna Mokhawa
Location : SHOROBE
Event : Potsolotso
Date : 01 Aug 2016






