Tiego e tshwenya mokhanserala
01 Aug 2016
Mokhanselara wa Gabane Mmankgodi Rre Ofentse Mafoko a re o tshwenyegile thata ka tiego ya lekgotla la kabo ditsha la Kweneng mo go dueleng phimolo dikeledi banni ba Mmankgodi ba ba sailing ba tsetse masimo ke lekgotla leo ka 2004.
Erile fa a akgela mo phuthegong ya khansele ya Kweneng e e tsweletseng, Rre Mafoko a re lekgotla la kabo ditsha gape ga le ise le abele batho ditsha tsa bonno jaaka go solofetswe.
E re fa go sa ntse go le jalo, mokhanselara wa Ledumadumane Bophirima, Rre Mothusi Kgomotso a re mo kgaolwaneng ya gagwe, batho ga ba ise ba neelwe ditlankana tsa ditsha tse ba neng ba di abelwa fa masimo a sena go tsewa.
Rre Kgomotso a re se se tshwenya thata ka gore go kgoreletsa banni go tlhabolola ditsha tsa bone, selo se ba ka se direng fa ba sena ditlankana.
O boletse gape gore batho bangwe ba sa ntse ba na le mokgwa wa go latlhela matlakala mo motseng le fa lefelo le go latlhelwang matlakala mo go lone le ntse le le teng.
Makhanselara ka bontsi a ne a tswa ka mogopolo wa gore madi a dipaakanyetso boipuso jwa msome matlhano, a Bot 50, a anamisiwe le dikgaolwana tsa motse e seng dikgaolo (constituency) ka gore batho ba na le go tlogela ditoropo mme ba ye go kopana kwa magaeng a bone ka meletlo ya ipelelo boipuso.
E re fa go sa ntse go eme jalo, mokhanselara wa Mahetlwe Rre Simon Maroane, o boditse gore a tsela ya mela e mene e e yang Molepolole, e tlaa tsisa tharabololo kana e tsile go oketsa mosuke wa dikoloi mo ditseleng, mme a ntsha mogopolo wa gore gongwe e kare e ise e dirwe, go bo go dirwa ditsela tse dingwe tse dipotlana tse di mo gare ga motse, tsone tse di tsenang mo tseleng e kgolo eo.
Le fa go ntse jalo, Rre Maroane o ne a lebogela go nna teng ga lenaneo la go rudisa itsholelo la ESP, a re o itumelela gore tsela e e mo kgaolong ya gagwe ya Molepolole-Mahetlwe e tlaa tshelwa sekontere, fa mokhanselara wa Gabane Mmankgodi, Rre Ofentse Mafoko ene a ne a itumelela go dirwa ga tsela ya Gabane-Tloaneng, e le yone e leng mo lenaneong la ESP ka go sa ntse go buisanngwa ka yone. BOKHUTLO
Source : bopa
Author : BOPA
Location : MOLEOPOLOLE
Event : Potsolotso
Date : 01 Aug 2016






