Breaking News

Tlhaelo ya matlo a borutelo e isa thuto kwa tlase

01 Aug 2016

Banni ba motse wa Damochojenaa mo kgaolong ya botlhophi ya Mmadinare ba lela ka tlhaelo ya matlo a borutelo a sekole se sebotlana sa Sedibe. 

Se se senogile mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo eo Rre Kefentse Mzwinila kwa motseng  wa Damochojenaa bosheng.

Kgosi Motsholetsi Kebalepile wa motse  oo, o tlhalositse fa tlhaelo ya matlo a borutelo e na le seabe se setona mo kwelong tlase ya dithuto tsa bana ba sekole ka jaana go sena fa ba rutelwang teng mo go feletseng ba kopelwa kwa dikagong tsa komiti ya ditlhabololo tsa motse (VDC) mme le tsone di se mo seemong se bana ba ka nnang mo go tsone.

Kgosi Kebalepile o tsweletse a tlhalosa fa dikago tse bana ba tsenelang dithuto mo go tsone e le bonno jwa bommamathwane mo di sa nkgeng sentle. 

A re se se dira gore bana ba tseye nako e ntsi ba le kwa kokelong mme a kopa mopalamente wa kgaolo go ba thusa go kopa tona yo o maleba go tla go bona seemo se bana ba tshelelang mo go sone.

Kgosi o tsweletse a supa matshwenyego ka tlhaelo ya metsi mo motseng wa gagwe a tlhalosa fa ba sale ba solofeditswe fa go tla nna le lenaneo le ka lone le tlaa kgonang go siela metse e e mo kgaolong e akaretsa Damochujenaa, Gojwane, Serule, Moreomabele le Topsi  (Serule Water Cluster) metsi go tswa letamong la Letsibogo, mme go setse go na le lebaka le le leele ba ntse ba letile.

Kgosi Kebalepile o tlhalositse fa metsi a ba a gelelelwang ka dikoloi a sa kgone go phatlalala le motse otlhe mo go felelang batho ba tsamaya mosepele o mo leele go ya go a batla kwa ba ka a bonang teng.

E rile a ba kgwa dikgaba, mopalamente Rre Kefentse Mzwinila a solofetsa banni ba Damochojenaa fa erile bosheng  a nna le dipuisano tse di tseneletseng le tona wa metsi Rre Kitso Mokaila mme a solofetsa fa a le mo tseleng ya go batla madi go diragatsa lenaneo le le tlaa ba tsisetsang metsi mo motseng go fedisa letlhoko la metsi.

Rre Mzwinila o ne a wetsa banni ba motse wa Damochojenaa dipelo ka go ba tlhalosetsa fa a ne a kopana le ba Botswana Muslim Association go kopa thuso ka letlhoko la  metsi kwa motseng wa Damochojenaa mme ba ne ba mo tswa thuso ka go epa sediba se se tlaa namang se tshegeditse morafe go fitlha lenaneo la Serule Water Cluster le diragadiwa.

Rre Mzwinila o tlhalositse fa sediba sa teng se na le metsi a selekanyo sa 4500 litres se setse se epilwe go setse fela gore se gokelwe diphaephe tse di tlaa isang metsi kwa motseng mme ba Botswana Muslim Association ba solofeditse fa ba tlaa dira jalo mo nakong e khutshwane. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : SELEBI PHIKWE

Event : Potsolotso

Date : 01 Aug 2016