Breaking News

Lephata le a aba

01 Aug 2016

Mothusa mookamedi wa lephata la tikologo, diphologolo le bojanala Rre Jimmy Opelo o rotloeditse banni go itlwaetsa go abela ba bangwe ka bone ba ba seng lesego jaaka bone.

E rile a bua fa lephata la gagwe le abela kgotla ya Mokolodi didirisiwa tsa ofisi, a bolela fa go aba go tshwanetse ga tswa mo boteng jwa pelo, gape motho a sa abe ka gore o na le dithoto dipe tse dintsi, mme a a abe ka gobo a bone mongwe a tlhoka selo seo go gaisa ene. 

O ne a supa fa go aba ga bone e le go tsweledisa le go araba mokgosi wa puso gore setshaba le dikhamphane di thuse ba ba sa kgoneng go ithusa. A re se gape ke go tsosolosa mowa wa boipelego mo banning ba Mokolodi gore le bone ba bone botlhokwa jwa go abela ba ba seng lesego mo setshabeng.

Rre Opelo o boletse fa se ba se diretseng kgotla ya Mokolodi e se sa ntlha kana sa bofelo, a supa fa lephata mo dipakeng tse di fetileng le abetse Batswana mo mafelong a a farologanyeng, e bile ba tlaa tswelela ba thusa ba ba dikobo dikhutshwane.

Pele lephata le aba ditilo, ditafole le didirisiwa tse dingwe tsa Motlakase tsa mo ntlwaneng ya boapeelo, babereki ba lephata le, le nngwe ya ditiro tsa lone e leng go tlhokomela tikologo, ba ne ba simolola ka go sela matlakala go tsibosa banni ka botlhokwa jwa go nna mo tikologong e e phepa.

Modulasetilo wa VDC, Mme Naledi Monnakgosi o ne a lebogela dimpho a supa fa di tlaa thusa thata mo go tsamaiseng le go fa setshaba dithuso segolo jang ka ofisi ya bone e sa le potlana e bile e ise e fiwe ditsompelo ke lephata la makgotla a Setswana.

Kgosi Seeletso Pule wa Gabane o ne a bolela fa go abela lekgotla la Mokolodi didirisiwa tsa ofisi e le tshimologo ya botsalano jo bontle jwa sennela ruri, ka jalo a laletsa lephata go se ipone tsapa go nna le lekola kgaolo ya Mokolodi le Gabane.

O ne a kopa lephata bogolo jang lekalana la tikologo go thusa metse ya Mokolodi le Gabane mo go epiweng ga ditswammung tsa bone ntle le thekegelo ke dikhamphane dingwe go sena tetla ya puso. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Emmanuel Tlale

Location : MOKOLODI

Event : Kabo dimpho

Date : 01 Aug 2016