Breaking News

Seromamowa se ipela le banni ba Nata

01 Aug 2016

Kgosi Rebagamang Rancholo wa motse wa Nata mo kgaolong ya Nata/Gweta a re motse wa Nata o lesego thata ka o tletse ka dibapalwa nageng tse banni ba motse oo ba ithusang ka tsone.

O buile seo fa a ne a amogela lekoko la badiri ba seromamowa sa Botswana ka thulaganyo ya go isa seromamowa kwa setshabeng le go ipelela dingwaga tse di masome matlhano se ntse se gasa kwa Nata ka Matlhatso.

A re motse oo o na le paka e batho ba bapalang moseme, moretlwa le paka e ba bapalang bojang, ya go bapala phane le nako ya go bapala letswai jaaka mo nakong ya gompieno bontsi jwa batho ba motse oo ba ile go bapala bojang.

Kgosi Rancholo o ne a gatelela ka gore motse oo o lesego thata o ratilwe ke Modimo ka go nna le dibapalwa nageng tse batho ba kgonang go itshetsa ka tsone le go tlhabolola matshelo a bone.

O ne a supa fa ba itumetse thata e le ba Nata go nna mengwe ya metse e seromamowa sa Botswana se kgabotseng teng go ipelela dingwaga tse di masome matlhano le bone go tlhagolela boipuso jo bo faphegileng jwa monongwaga.

Gape o tsweletse a bolela fa seo se tlaa ba tiisa moko gore ba ipaakanye thata ba tle ba keteke boipuso jo bo tlaa bong bo le pharologanyo le jwa mo dingwageng tse di fetileng.

O ne a re se seromamowa seo se se dirang ke go isa ditlamelo kwa bathong, ka batho ba tlaa nna le kitso e e e tletseng ka fa se gasang ka teng le dithulaganyo tsa sone le go itse bagasi ba sone ba ba bona ka matlho go na le go utlwa mantswe a bone fela ba gasa.

Moeteledipele wa lekoko leo la RB1 Mme Tebogo Koko o ne a bolela fa ba tsamaya ba tlhotlhoma le lefatshe la Botswana ka bophara go ipelela dingwaga tse di masome matlhano seromamowa seo se gasa.

Mme Koko a re loeto lwa bone gape ke go bontsha Batswana ka fa ditshipi tseo di berekang ka teng le go leboga Batswana thotloetso le kemo nokeng e ba e supang ka go reetsa seromamowa seo, a re gape kgaso gore e atlege e dirwa ke batho ba le setlhopha e bile ba le seopo sengwe.

Leloko la komiti e kgolo e e baakanyetsang boipuso jwa masome matlhano e bile e le mogasi wa thulaganyo ya Kgogamasigo, Rre Henry Lechuti o ne a kopa batho ba Nata go ipaakanyetsa boipuso ka go tsosolosa metshameko ya bogologolo ka go lebega e nyelela ka ponyo ya leitlho.

Rre Lechuti a re gape ba phepafatse tikologo e ba leng mo go yone go simolola kwa malwapeng a bone, motse le tsone dikgotla tsa bone tota le go di kgabisa ka mebala ya Botswana.

Fa a ala ditso tsa motse oo, Kgosi Letsogo Kgaswa o ne a re motse oo o simologile ka ngwaga wa 1890 o tlhongwa ke Kgosi Sekgoma wa Bangwato.

Kgosi Kgaswa o tlhalositse fa merafe ya ntlha go goroga mo lefelong leo e ne e le Basarwa le Bangwato, mme a re batho ba foo ba ne ba itshetsa ka Mokolwane le dibapalwa nageng le go nna ba ananya tseo le mabele le batho ba dikgaolo tse dingwe.

O tlhalositse fa lefoko Nata kgotsa Nataa e le la puo ya Sesarwa mme le raya gore re tlaa tlola jang noka. Mafoko a ba a buile  fa ba fitlhela noka e e ralalang motse e tletse. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : NATA

Event : Seromamowa se ipela le banni

Date : 01 Aug 2016