Ditshupo di tlhoka thotoetso ya banni
01 Aug 2016
Modulasetilo wa komiti ya ditshupo tsa Kgalagdi Borwa Rre James Sampson o kopile banni ba kgaolo eo le setshaba ka kakaretso go ema ka dinao mo go rotloetseng le go tsenelela ditshupo ka dipalo tse di kwa godimo ka seo se ka thusa thata mo kgolong ya tsone ngwaga le ngwaga.
Rre Sampson o kopile se jaaka a ne a lekodisa batsayakarolo mo ditshupong tseo ka fa ba di baakanyeditseng le ka fa ba kgonneng ka teng mo pulong semmusong ya tsone ka matlhatso kwa Tsabong.
A re le ntswa komiti ya bone e tlhaela ka maloko mangwe e bile e le ya boithaopo ba ne ba tshwaragana le maphata a puso mme ba ne ba itoma molomo wa tlase mo go di baakanyetseng le fa ba ne ba na le dikgwetlho tse di farologaneng gore ditshupo tseo di atlege.
O ne a galaletsa ba lekalana la Motor Vehicle Accident Fund (MVA) le ba Jwaneng Mine go bo ba ba ema nokeng ngwaga le ngwaga ka go ba thusa ka madi selo se a reng se ba thusa thata go meneganye gore ba kgone go tshwara ditshupo tseo ka ba na le letlhoko la madi.
Fa a bua maikaelelo a letsatsi leo Motshwaralela mookamedi mo lephateng la temo-thuo mo Kgalagadi Rre Bornwell Mabechu o ne a tlhalosa fa e le tsela nngwe ya go ipapatsa mo balemi baruing ba kgaolo eo.
Rre Mabechu o kaile fa gape e le go supa tse di mo kgaolong le gone go ithuta mo go ba bangwe ka se ba lemotsha go ipaakanya mo go tseneletseng le gone go phadisana le dikgaolo tse dingwe.
O ne a gwetlha banana go inaakanya le tsa temo-thuo ka e le kgwebo e ba ka fetolang matshelo a bone le go tlhamela bangwe mebero le gone go itshetsa ka yone mo isagong.
Mogolwane go tswa kwa moepong wa Jwaneng Rre Keodumetse Mosarwa O ne a lebogela taletso a re e a ba tlotlomatsa e le ba moepo go amanngwa le meletlo ya go tshwana le e ka e bile ba ne ba sa tswa go tsaya karolo mo ditshupong tsa Ghanzi bosheng a tlatsa ka gore e tlaa re mo bogaufing ba thsware moletlo wa go tshwana le oo a re go tlaa bo go na le dijo tsa Setswana ka go farologana ele nngwe ntlha ya go tlotlomatsa ngwao e e tswakaneng.
A re ka ntlha ya phetogo ya loapi le leuba balemi-barui ba felela ba nna le dikgwetlho tse di amang thuo ya bone le dijwalo ka jalo ba tshwanelwa ke go itepatepanya le seemo seo ka go tshwaragana le baitseanape gore ba kgone go gatela pele mo dingwageng tse di kwa pele.
A re ba na le lenaneo le le bidiwang Corporate Social Investment le le remeletseng thata mo temo-thuong a kaya fa ba tlaa tswelela ba thusa ba ba itlamileng go tla ka mananeo a temo-thuo.
Rre Mosarwa o boletse fa meepo ya diteemane mo lefatsheng leno e dirile go le gontsi mo go nneng le seabe mo go tlhabololeng lefatshe leno gore le nne se le leng sone mo dingwageng tse di masome a matlhano faesale lefatshe leno le tsaya boipuso.
One a gwetlha banana go dirisa sebaka seo sa ditshupo go tsaya malebela ka gore ke bone baeteledipele ba kamoso.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : Ditshupo
Date : 01 Aug 2016






