Breaking News

Tsogwane o rotloetsa tlhwaafalo mo temo thuong

01 Aug 2016

Tona wa dikgaolo le tlhabololo magae Rre Slumber Tsogwane o rotloeditse banana go tsaya temo-thuo ka tlhwaafalo gore ba tle ba bone maduo a yone.

Tona Tsogwane yo gape e leng mopalamente wa kgaolo ya Boteti Bophirima o ntshitse thotloetso e fa a bula letsatsi la balemi-barui ba kgaolo ya Rakops ka Matlhatso, e e neng e rulagantse ke banana ba ba balemi-barui ba kgaolo eo.

Tona Tsogwane o ne a re go a itumedisa go bona banana ba eme ka dinao mo temo-thuong, a ba rotloetsa go tsaya mananeo a puso a temo-thuo a banana le la CEDA gore ba tsene mo temo-thuong, ba ba setseng ba tsene ba godise dikgwebo tsa bone.

Tona Tsogwane a re setlhogo sa letsatsi se se reng “Temo-thuo e e tlhabolotsweng e bile e na le maduo” se maleba ka jaana puso e eme ka dinao go rotloetsa temo-thuo gore Batswana ba e dire kgwebo.

Rre Tsogwane a re temo-thuo ke mokwatla wa itsholelo e bile e ka thusa go tlhabolola metse selegae, ya ntsha Batswana mo lehumeng, ya tlhama mebereko le gone go tswakanya itsholelo ya lefatshe leno.

A re temo-thuo e sa ntse e na le dikgwetlho tsa dipoelo tse di ko tlase mme fela ke yone boremelelo jwa go lwantsha lehuma le go tokafatsa itsholelo ya lefatshe leno.

Rre Tsogwane a re lefa temo-thuo e na le kgwetlho puso e ntshitse mananeo a a e tokafatsang le go itlhabolola, gore e nne kgwebo e e ka ntshang dijo tse di ka jesang lefatshe la Botswana le a mangwe.

Tona o supile fa lenaneo la temo la ISPAAD le thusa balemi ba kgaolo ya gagwe ya Boteti Bophirima faesale le simolola ka ngwaga 2008,a bo ba rotloetsa go lema ka ditsela a re temo ya teng e na le mosola le maduo a mantle.

Rre Tsogwane o bile a ba kgothatsa go dirisa lenaneo la go agelela masimo a kopantsweng ( cluster fencing) a leboga ba ba setseng ba akotse lenaneo le ba masimo a Makhi.

Tona o bile a ba rotloetsa gore ba dire mmaraka mo kgaolong ko ba ka kgobokanang teng ba supa le go bapatsa dithoto tsa bone. A re ba batle lefelo le ba direlang mo go lone.

A re temo-thuo e na le dikgwetlho tsa malwetse, diji,phetogo ya loapi le leuba ka jalo a re go botlhokwa gore ba dirisane le balemisi le bakenti gore ba ba rute ka tlhokomelo ya leruo le temo.

O ne gape a ba kopa go tlhokomela leruo ga mmogo le temo ya bone, a re temo-thuo e batla bopelotelele.

O ne a rotloetsa banana ba ba neng ba rulagantse moletlo o go tswelela ba o dira ka gore o  botlhokwa e bile o ka ba thusa go godisana e le balemi-barui.

E rile a tlhalosa maikalelo a letsatsi, mongwe wa banana ba ba neng ba rulagantse letsatsi le la balemi-barui Rre Bainedi Sethapelo,a supa fa e le go kopana e le balemi-barui go tla ba amogana kitso, go tsaya malebela mo go ba bangwe le go rutana ka tlhokomelo le tlhabololo ya leruo gore e nne la boleng jo bo kwa godimo.

Rre Sethapelo a re ba dira jalo ba leka go godisa temo-thuo ya bone gore e nne kgwebo e e nang le dipoelo e bile e ka tlhamela banana ditiro.

Ba lephata la temo-thuo ka makalana a a lone a a farologaneng ba ne ba ruta balemi-barui ka ditirelo tsa bone di akaretsa, tlhokomelo ya leruo, tiriso ya melemo, manyena a leruo,matlhabelo le mananeo a mangwe a a akaretsang LIMID,ISPAAD le a mangwe. BOKHUTLO
 

Source : BOPA

Author : Kefilwe Latiwa

Location : LETLHAKANE

Event : Letsatsi la balemi-barui

Date : 01 Aug 2016