Ba Molalatau ba atla itshidilo
01 Aug 2016
Badirela puso le banni ba motse wa Molalatau e ne ya re beke e e fitileng ba tshwara mogwanto. Ba ne ba gwantla ka Labotlhano wa beke ee fetileng e le tsela ngwe ya go rotloetsa botsogo jo bo nonofileng.
Setlhogo sa letsatsi leo e ne le ‘mmele wa me, botsogo ba me, boikarabelo jwa me’.
Fa a amogela batsaya karolo mo letsatsing leo, Kgosi Solomon Pharithi wa Molalatau o gakolotse badiri gammogo le banni ba motse oo gore letsatsi leo le botlhokwa e bile fa go ne go kgonega e ka bo e le tiro ya kgwedi le kgwedi.
Letsatsi leo le ne le rulagantswe ke lephatla la banana, metshameko le ngwao mme maikaelelo magolo e le go rotloetsa setshaba go itshidila mmele. Go ne go na le ditirelo jaaka go itlhatlhobela mogare wa HIV gammogo le malwetsi a pelo.
Lephatla leo gape le ne le rulagantse metshameko ka go farologana jaaka kgwele ya dinao, mabelo le metshameko e mengwe ya ngwao go rotloetsa botsogo jo bo siameng.
Sebui sa letsatsi Rre Daniel Magwana o ne a rotloetsa batho go nna kelotlhoko mo dijong tse ba di jang ka di ama botsogo jwa bone.
Rre Mgwana a re go itshidila le gone go botlhokwa ka go ka thibela malwetsi mangwe jaaka bolwetsi ja pelo gammogo le mmele o mokima.
O rotloeditse batho go ikgapha mo go jeng thata bogolo jang maitseboa ka ba sa tlhoke matla a mantsi.
Sebui se sengwe Rre Peter Ngwako ene a tlhalositse fa go tla nna le mogwanto o mongwe ka kgwedi ya Lwetse e le masome a mabedi e le go kgobokanyetsa boipuso madi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Selelo Moshokgo
Location : MOLALATAU
Event : Letsatsi la botsogo
Date : 01 Aug 2016






