Breaking News

Banni ba Chanoga ba tsosolosa matlotla

01 Aug 2016

Matlotla a e neng e le kokelwana ya banni ba Chanoga mo malobeng a ne a fetogile lefelo la bodiragatsi jaaka matshwititshwiti a batho a ne a tshologetse koo go akola lobebe lwa ngwao.

Matlotla ao a fitlhelwa fa thoko ga lotshitshi lwa noka ya Thamalakane mme banni ba Chanoga ba ne ba bona go tshwanela go tshwarela tiro ya go ipelela ngwao koo ka maikaelelo a go a tsosolosa ka e le lengwe la matlotlo a tlholego.

Moletlo oo o ne o okile merafe ka go farologana e akaretsa Baherero, Bayei, Bazezuru, Batawana, Basarwa mme ga bo go sena morafe ope o o batlang go salela morago ka botlhe ba ne ba nna le sebaka sa go supa le go ipela ka dingwao tsa bone.

Bontsi jwa ba ba neng ba tshologetse letsatsi leo ba ne ba phaphasela ka mmala wa folaga ya lefatshe leno fa bangwe ba ne ba apere kapari ya setso.

Dipina, maboko le melaetsa e bo e le e e galaletsang bagaka ba pele ba ba nnileng le seabe mo go somareleng ngwao. Letsatsi leo le ne la natefadiwa gape ka mabelo a dipitse.

Bangwe ba ba neng ba tsile moletlong oo ba supa fa ba kgatlhegile thata bogolo jang ka go tshwaretswe fa lefelong le lentle. Ba ne ba eletsa e kare lefelo leo le ka agelelwa gore e nne la bojanala.

Ba re lefelo leo fa le ka somarelwa la tlhabololwa le ka kokoanyetsa banni madi a go tlhabolola motse wa bone.

E ne e rile go le pele a  amogela boidiidi joo, Kgosi Oateng Setlhodi wa Chanoga,  a tlhalosa fa moletlo oo e le matlhagola tsela a boipuso jwa ngwaga ono. 

A re e re ka tiro ya boipuso jwa ngwaga ono e le tona ba bone go tshwanela go rulaganyetsa letsatsi la ngwao le le phuthileng merafe e e farologaneng.

A re ba kgethile go tshwarela moletlo oo ko matlotleng a kokelwana ya bone ka jaana e na le bokao mo go bone a tlatsa ka gore ba eletsa gore e nne lengwe la matlotla.

O tlhalositse fa ngwao e le yone e agileng lefatshe leno ka jaana e kopanya merafe e bile e rotloetsa maitsholo a a eletsegang.

Kgosi Setlhodi o tsweletse a tlhalosa fa lefatshe leno le na le merafe e e farologanyeng mme go itumedisa ka jaana botlhe ba ipela ka dingwao tsa bone ba sa kgoreletsege.

O boletse fa letsatsi leo le neela batho go supa ditalente tsa bone.

Molalediwa wa tlotla, Rre Samson Guma yo e leng mopalemente wa Tati Botlhaba o ne a gatelela botlhokwa jwa gore Batswana ba tshwanetse ba tlhaloganya gore ba tswa kae.

A re ga ba a tshwanela go itebala ka jaana ngwao e le yone modi e bile go le maleba go e somarela le gone go ipela ka yone.

O tsweletse a leboga dikgosi a re ba ne ba lemoga botlhokwa jwa ngwao mme ba e somarela gore dikokomane di e fitlhele di bo di ithute ka yone.

Rre Guma a re gompieno lefatshe le rena kagiso le thokgamo ka ntlha ya go tshegetsa ngwao le gone go amogela mafoko a a reng Mmualebe.

A re mafatshe a mangwe a aperwe ke dikgoberego mme mo Botswana merafe e thubile kobo segole fela ka jaana ba tshegeditse matshego a ngwao.

Mopalamente o tsweletse a re ngwao e rotloetsa botho jo bo eletsegang mme a rotloetsa dikgosi go tswelela ba di goga kwa pele mo go somareleng ngwao.

Mopalemente wa kgaolo, Rre Kosta Markus o ne a lebogela bogogi jwa Chanoga go bo bo tsile ka mogopolo o montle wa go tshegetsa letsatsi la ngwao mme a kopa gore tiro eo e nne ya ngwaga le ngwaga.

E re ka batho ba ne ba tsile ka dipalo tse di kwa godimo o ne a kopa gore ngwaga o o tlang tiro eo e nne ya kgaolo ya Maun botlhaba e seng ya banni ba Chanoga fela.

Rre Markus o ne a itlama gore o tlaa tshwaragana le barulaganyi ba moletlo oo ka a eletsa gore o nne mogolo thata. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Esther Molai

Location : CHANOGA

Event : Letsatsi la bodiragatsi

Date : 01 Aug 2016