Baitsiwe o rotloetsa baithuti
31 Jul 2016
Modulasetilo wa komiti ya thuto le botsogo mo khanseleng ya Kgalagadi, Rre Ronald Baitsiwe, o rotloedtse baithuti ba thuto gaegolelwe go tlhwaafalela dithuto tsa bone.
Rre Baitsiwe o ntshitse thotloetso e mo bekeng ya baithuti ba gaegolwe ba kgaolo ya Kgalagadi kwa Werda bosheng.
O ne a gwetlha Motswana mongwe le mongwe go itshekatsheka ka go leba kwa morago bogolo jang mo dingwageng tse di masome a matlhano lefatshe leno le ntse le ipusa, tse ba di kgonneng mo thutong, mananeo le go ipaakanyetsa maitemogelo a bone a thuto go ya pele.
Rre Baitsiwe, yo e bileng gape e le mokhanselara wa Omaweneno/ Maralaleng/Kisa, a re le ntswa puso e leka ka bojotlhe go tlotlomatsa thuto, go ntse go na le batho bangwe ba ba gogang dinao mo go tseneng sekole seo.
O ne a gwetlha baeteledipele ba metse, maphata a puso, banaleseabe botlhe le setshaba ka kakaretso go ema ka dinao mo go rotloetseng le go tlhomamisa gore Motswana mongwe le mongwe a kgone go nna le lesedi la thuto mo lefatsheng leno.
Go le pele fa mogolwane go tswa mo lekalaneng la Out of School Education &Training (OSET) kwa Kang, Mme Doris Mogapi o ne a tlhalosetsa batsayakarolo mo moletlong oo ka mananeo a lekalana leo le bomosola jwa one.
Mme Mogapi o ne o boletse fa a akaretsa thuto ya go bala le go kwala ya bagolo,go rutuntshiwa ga ditiro tsa diatla le thuto ya bana ba ba tlogetseng sekole mme dingwaga tsa bone di sa ba letle go tsweledisa dithuto tsa bone kwa dikoleng tse dipotlana.
O ne a kopa baeteledipele ba metse go ema ba lephata la thuto nokeng mo go tlhomamiseng gore dithuto di a tsenwa ka seo se ka thusa thata mo katlegong ya lone.
Mo mafokong a gagwe a tebogo, moeteledipele mo lephateng la thuto mo kgaolong ya Kgalagadi bokone Mme Khumoyame Mosetlha o ne a kgothatsa baithuti bao go tsaya tsia dithuto tse ba di rutilweng ka tlhwaafalo ka seo se ka ba thusa mo go tlhabololeng matshelo a bone ka go nna le lesedi.
Mme Mosetlha o ne a kaya fa seo gape se ba fa sebaka sa go ntsha ditalente tsa bone ka go ithuta mo go bangwe gore ba kgone go phadisana le ba dikgaolo tse dingwe.
O ne a tlatsa ka go lebogela botlhe ba ba kgonneng go tsena mokete oo, barulaganyi ba one ba ba dirileng go le gontsi gore letsatsi leo le atlege. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : WERDA
Event : Potsolotso
Date : 31 Jul 2016






